SABC News and Current Affairs
SABC North West
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Author
SABC News and Current Affairs
Category
Podcast website
Latest episode
Jan 20, 2024
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
Dikgang tsa ura ya Lesome le Bongwe ka Kea Moalusi 03.11.2016 5:25
Go tlhamiwa ga komiti ya nakwana e tlileng go batlisisa merero ya Sabc ke ntlha e tlhagelelang mo tshweetsong ya nakwana e tlileng go seka sekiwa gompieno kwa kokoano bosechaba..
Dikgang tsa ura ya 10 ka Bayo Selogilwe 03.11.2016 5:22
Motlatsa mopresidente wa EFF Floyd Shivhambu are pegelo e e ka ga tlhotlheletso ya ba lelapa la ga Gupta mo mafapheng a puso e raya gore mopresidente Jacob Zuma o latlhile setshaba mabapi le ntlha ya gore tona ya maloba ya matlotlo Nhlanhla Nene o tla fiwa tiro e ngwe.
Dikgang tsa ura ya bo 8 ka Bayo Selogilwe. 03.11.2016 4:13
Motlatsa mopresidente Cyril Ramphosa a re go phimolwa ga ditatofatso tsa bosenyi kgatlhanong le tona ya matlotlo Pravin Gordhan go imolotse naga eno le go baka tshono ya botshepegi mo ikonoming ya naga.
Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Bayo Selogilwe 03.11.2016 6:17
Baitsanape le borradipolotiki ba santse ba sekaseka pegelo ya ditsebe di le 350 ya mosireletsi wa setshaba, e e ka ga tlhotlheletso mo tsamaisong ya ditheo tsa puso kana State Capture, e e rebotsweng maabane morago a taelo ya kgotlatshekelo kgolo kwa Pta.
Dikgang tsa ura ya bo 5 ka Bayo 03.11.2016 4:53
Moitsanape wa merero e e ka ga go tsomiwa ga diphologolo Richard Emslie a re seelo se ditshukudu di tsomiwang ka sone go se ka fa molaong se wetse tlase mo Afrika mo dingwageng di le pedi tse di fetileng.
Dkgang tsa ura ya bo 6 ka Bayo Selogilwe 03.11.2016 5:08
Puso e solofelwa go wetsa kgetsi ya yona kgatlhanong le banyalani ba kwa Springs, ba go begwang gore ba ne ba sotla bana ba bona ba 5 mo pakeng ya dingwaga di feta 10.
Dikgang tsa ura ya Boraro ka Kea Moalusi 02.11.2016 5:41
Kantoro ya mosireletsi wa sechaba e neetswe go fitlha ka ura ya botlhano thapama eno go phasalatsa pegelo e e ka ga magatwe a gore balelapa la ga Gupta ba tlhotlheletsa ditshweetso tsa puso mo websiteng ya yona.
Dikgang tsa ura ya Bobedi ka Kea Moalusi 02.11.2016 4:41
Kantoro ya mosireletsi wa sechaba e neetswe go fitlha ka ura ya botlhano thapama eno go phasalatsa pegelo e e ka ga magatwe a gore balelapa la ga Gupta ba tlhotlheletsa ditshweetso tsa puso mo websiteng ya yona.
Dikgang tsa ura ya Bongwe ka Kea Moalusi 02.11.2016 6:03
Babueledi ba makoko kganetso mo kgetsing e e ka ga magatwe a gore balelapa la ga Gupta ba na le tlhotlheletso mo ditshwetsong tsa puso, ba thala ditaelo tse di tshwanetseng go tlhagisiwa tebang le go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa sechaba...
Dikgang tsa ura ya Lesome le Bongwe ka Keadimilwe Moalusi 02.11.2016 5:20
MoPresidente Jacob Zuma o gogetse morago semmuso kopo ya go thibela go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa sechaba e e ka ga magatwe a gore balelapa la ga Gupta ba na le tlhotlheletso mo ditshwetsong tsa puso, kwa kgotlatshekelo kgolo kwa Pta.
Dikgang tsa ura ya Lesome le Bongwe ka Kea Moalusi 02.11.2016 5:20
MoPresidente Jacob Zuma o gogetse morago semmuso kopo ya go thibela go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa sechaba e e ka ga magatwe a gore balelapa la ga Gupta ba na le tlhotlheletso mo ditshwetsong tsa puso, kwa kgotlatshekelo kgolo kwa Pta.
Dikgang tsa ura ya 10 ka Bayo Selogilwe 02.11.2016 3:58
Mogwanto wa EFF kwa Pta o kgoreleditswe ke dikgato tsa botlhokatsebe. Seno ke jaaka maloko a le mantsi a lekoko leno a iteleketse mo mebileng, a tsholola matlakala le go kgoreletsa pharakano.
Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Bayo Selogilwe 02.11.2016 5:36
Setlhopa sa babuelledi ba mopresidente Jacob Zuma se tla nganga kwa kgotlatshekelo kgolo kwa Pta, gore ke eng ke eng pegelo ya mosireletsi wa setshaba e e ka ga go laolwa ga mafapha mangwe a puso ke ba ga Gupta e sa tshwanela go rebolwa.
Dikgang tsa ura ya bo 6 ka Bayo Selogilwe 02.11.2016 4:46
Tsitsinyo ya go laletsa mosireletsi wa pele wa setshaba Advocate Thuli Madonsela go ema palamente ka lefoko e retetse morago ga go engwa kgatlhanong ke ANC. Tsitsinyo eo e ne ya dirwa ke EFF.
Dikgang tsa ura ya Boraro ka Kea Moalusi 01.11.2016 5:23
Bothati ba bosechaba ba bosekisi NPA bo phimotse ditatofatso tsa tsietso kgatlhanong le mookamedi wa Bokaedi jo bo ikemetseng ba dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi Ipid Robert McBride.
Dikgang tsa ura ya Bobedi ka Kea Moalusi 01.11.2016 5:53
mokgatlho o o ipitsang Social Justice Coalition o boloditse mogwanto kwa bogareng ba toropo ya Cape Town kgatlhanong le se go tweng ke go tlhotlhelediwa ga ditswetsho tsa puso ke balelapa la ga Gupta.
Dikgang tsa ura ya 10 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 4:13
Go rena boitumelo jo bo seng kana ka sepe kwa kgotlatshekelo kgolo ya Pta, jaaka maloko a le mantsi a EFF a ipakanyetsa go dira ditshupetso kgatlhanong le maiteko a mopresidente Jacob Zuma a go kganela go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa setshaba, e e ka ga magatwe a go laolwa ga mafapha mangwe a puso ke balelapa la ga Gupta.
Dikgang tsa ura ya bo 9 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 4:33
Kopo ya mopresidente Jacob Zuma ya go kganela go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa setshaba e e ka ga magatwe go laolwa ga ditheo tsa puso, e solofetswe go simolola kwa kgotla tshekelo kgolo ya Pretoria
Dikgang tsa ura ya bo 8 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 5:13
ANC ya re go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa ka bonako tse di malebana go busetsa serodumo sa bothati ba bosetshaba ba bosekisi, NPA.
Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 6:00
Kopo ya go thibela go rebolwa ga se se bidiwang go nna le tlhotlheletso ga balelapa la ga Gupta mo pusong, e tla reediwa kwa kgotlatshekelo kgolo kwa Pta mo mosong ono. Tona ya lefapha la diminerale Mosebenzi Zwane, o letse a rometse ditlankana tse di malebana le go nna ga gagwe le seabe mo kopong ya go kganela go rebolwa ga pegelo ya mosireletsi wa pele wa setshaba Thuli Madonsela.
Dikgang tsa uraya bo 6 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 4:49
Kopo ya University of Cape Town ya gore e sutise sefikantswe sa ga Cecil John Rhiodes leruri e amogetswe. Kopo eo e ne e rometswe kwa Heritage Western Cape's Landscape Committee go latela pegelo e e ka ga ngwao boswa le go ikgolaganya le baagi.
Dikgang tsa ura ya bo 5 ka Bayo Selogilwe 01.11.2016 4:27
Komti e e malebana le diakhaonto tsa setshaba SCOPA, e ikanne gore e tlile go khutlisa go atolosiwa ga matlha a bofelo a a bewang malebana le gore mafapha a puso a romele dipegelo tsa ona tsa ngwaga le ngwaga kwa palamenteng.
Olebogeng Kgosilentswe o bua le Nompumelelo Skhosa wa kwa SA State 31.10.2016 3:11
A o moshwa yo o ratang go diragatsa? Reetsa puisano ya ga Olebogeng Kgosilentswe le Nompumelelo Skhosa wa kwa SA State ka Incubator Programme ya State Theatre.
Steve Kwena Mokwena le Olebogeng Kgosilentswe ba bua ka Song of Nongoma 31.10.2016 2:30
Olebogeng Kgosilentswe o bua le Nompumelelo Skhosa wa kwa SA State
Khabonina Qubeka mo puisanong le Olebogeng Kgosilentswe 31.10.2016 18:34
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Similar podcasts
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.