SABC News and Current Affairs

SABC North West

News EN ↓ 1988 episodes

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.

Author

SABC News and Current Affairs

Category

News

Podcast website

www.sabcnews.com

Latest episode

Jan 20, 2024

Where to listen?

Podcasts in the app Replaio Radio Coming soon

Podcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts

Get it on Google Play Install for free Android 5M+ downloads · 4.8 rating iOS soon

Episodes

Dikgang tsa ura ya lesome ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Lethebo Rabalago yo a reng ke moporofeta are o tlile go iletsa babega dikgang kwa kertekeng ya gagwe.

Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Setlamo se se dirang dilwana sa Tiger Brands sare se ntse se leka go ikgolaganya le moporofeta wa kwa Limpopo Lethebo Ramalabo go mo laela kgotsa go mo kgalema gore a tlogele go dirisa sebolaya ditshenekegi sa Doom kwa phuthegong ya gagwe ya Mount Zion General Assembly.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Moporofeta yo o tswang kwa Limpopo Lethebo Rabalago are ga go sepe se se gakgamatsang mabapi le go dirisa sebolaya ditshenekegi kgotsa Doom go alafa batho.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Agri Western Cape ya re e tla nna le seabe mo maananeng a a tla latelang kitsiso ya tekanyetso ya dituelo a diranta di le dikete di le tharo kgolo a matlhano ka kgwedi.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Dipatlisiso di supa fa batswasetlhabelo ba le bararo go tswa go ba le bane ba tiragalo ya go lakailwa ga sekepe ke molelo kwa Hatrbeespoort Dam mono North West ba ka tswa ba tlhokafetse ka nako ya letsholo phaloso.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Shadrack Moseki 22.11.2016

Phaposi kgweebo le madirelo kwa Cape Town e neseditse pula tekanyetso ya dituelo ya diranta di le dikete di le tharo kgolo a matlhano ka kgwedi.

Dikgang tsa ura ya bngwe ka Lilian Mogotsi 21.11.2016

Baeteledipele bagolo ba ANC ba kokoane kwa Pretoria Hotel tebang le kopano magareng ga komiti ya bosetshaba ya tiro ya lekoko leo, le bagaka ba lona bao bontsi bo batlang gore mopresidente Jacob Zuma a leboge tiro.

Dikgang tsa sethoboloko le Lilian Mogotsi 21.11.2016

Mapodisi kwa Vaal a tshwere banna ba le babedi ba go dumelwang ba amega mo polaong ya lepodisi lengwe la mosadi la kwa Vanderbijlpark.

Dikgang tsa ura ya bo 11 ka Lilian Mogotsi 21.11.2016

Dibese tse mmalwa tse di sireleditsweng ke mapodisi le batlhankela ba tshireletso di pegile baithuti go tswa mo diKhampuseng tsa Soshanguve tsa Tshwane University of Technology go ya kwa Tshwane Events Centre kwa Pta koo ba ileng go kwalela ditlhatlhobo tsa bona gona.

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 17.11.2016

Mmueledi wa Group Executive of Corporate Affairs wa SABC Hlaudi Motsoeneng eleng Zola Majavu, a re ba tlile go sireletsa kgetsi ya go senya leina, e e tlhatlhetsweng kgatlhanong le Motsoeneng kwa kgotlatshekelo.

Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 17.11.2016

Mopresidente Jacob Zuma o latofaditse Freedom Under Law le Helen Suzman Foundation, ka go leka go laola naga ka go dirisa dikgotlatshekelo...

Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Kea Moalusi 17.11.2016

Seme segolo sa ANC kwa Palamenteng Jackson Mthembu o batla gore Group Executive for Corporate Affairs wa SABC Hlaudi Motsoeneng a mo duele diranta di le Milione, e le madi a gore o mo sentse leina ebile a kope maitshwarelo ka ntlha ya ditshwaelo tsa gagwe..

Dikgang tsa ura ya Lesome le bongwe ka Reoneetswe Nkoane 17.11.2016

Palamente e tla tshwanelwa ke go tlhalosa gore ke mang yo siametseng go dira mo komiting ya nakwana e e ka ga dipatlisiso mo botong ya SABC, pele di simolola.

Dikgang tsa Sethoboloko ka Reoneetswe Nkoane 17.11.2016

Kabinet e kgadile tiragalo ya go tsenngwga ga monna mongwe mo lekaseng la baswi kwa Mpumalanga.

Dikgang tsa ura ya lesome ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Monnasetilo wa boto ya ditirelo tsa phofo mo Afrika Borwa SAA Dudu Myeni a re a itse gore ke mang a tsweletsang bogwengwene kwa SAA.

Dikgang ya ura ya borobongwe ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Mokgatlho wa Solidarity wa re tiragalo ya kwa Mpumalanga ya monna wa montsho yo o neng a tsentswe mo lekeseng ke basweu ba le babedi ga e supe maitsholo a maAfrikaner otlhe.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Tokololo ya Save South Africa gape e le mogaka wa ANC Sipho Pityana a re palamente e reteletswe ke go rwesa mopresidente Jacob Zuma maikarabelo.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Tokololo ya Save South Africa gape e le mogaka wa ANC Sipho Pityana o ikuetse go sechaba go rapelela go leboga tiro ga mopresidente Jacob Zuma.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Komiti ya palamente ya tsheka-tsheko seshwa ya melao-potlana, e tshitsintse gore go tlhamiwe komiti potlana eo e tla elangtlhoko gore a ditona di retelelwa ke go araba dipotso kwa kokoano bosetshaba.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Bayo Selogilwe 17.11.2016

Lenaane la go rekela mopresidente Jacob Zuma sefofane se sentshwa le tsweletse.

Dikgang tsa ura ya Bongwe ka Reoneetswe Nkoane 16.11.2016

Puso le lefapha la matlo mo no North West, ba seka seka tshenyo e bakilweng ke pula ya sefako, e e sentseng matlo a le mmalwa kwa dikgaolong tsa masepala wa sedika wa Bojanala le wa selegae wa Matlosana, maabane bosigo.

Dikgang tsa ura ya Lesome le Bongwe ka Reoneetswe Nkoane 16.11.2016

Baagi ba le bararo ba kwa Malawi ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya magristrata wa Rustenburg, go lebana le ditatofatso di le 57 tsa kgwebo ka bana.

Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Bayo Selogilwe 16.11.2016

Monna wa dingwaga di le some a matlhano le bobedi o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya magristrata wa Giyani gompieno morago ga go tshwarwa ka go golaganngwa le go sutlhisa pampiri ya dipotso ya Mathematics dibeke di le pedi tse di fetileng.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Bayo Selogilwe 16.11.2016

Tona ya merero ya Energy ya DA Pieter van Dalen a re ANC e dirisitse bontsi ba maloko a yone kwa komitin e e malebana le Energy go netefatsa fa pegelo ya boruni ya PetroSA e nna khupamarama.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Bayo Selogilwe 16.11.2016

Mokaedi khuduthamaga wa Free Market Foundation Leon Louw a re bao ba ikuelang gore ditlhwtlhwa tsa Data di fokodiwe ba tshwanetse ba tlamela ka mabaka a a utlwagalang e seng magatwe.

Listen to the SABC North West podcast in Replaio

Radio and podcasts in one app - free, with no sign-up. Install today and do not miss the launch

Get it on Google Play

Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.