SABC News and Current Affairs

SABC North West

News EN ↓ 1988 episodes

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.

Author

SABC News and Current Affairs

Category

News

Podcast website

www.sabcnews.com

Latest episode

Jan 20, 2024

Where to listen?

Podcasts in the app Replaio Radio Coming soon

Podcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts

Get it on Google Play Install for free Android 5M+ downloads · 4.8 rating iOS soon

Episodes

12h00DIKGNG le Mosimanegape Moseki 11.08.2016

Reetsa fa DA e tlhopha mmayara wa yona yo moshwa kwa Western Cape Morago ga ditlhopo tsa dipuso selegae.

09Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 11.08.2016

EFF e ikuela gore tsamaiso ya go botsolotswa ga badirakopo ba maemo a mosireletsi wa setshaba yo o latelang e emisiwe mme tsamaiso ya lenaane khutswe e bulwe gape. Seme segolo Floyd Shivambo a re batho ba bangwe ba tlhoka go neelwa tshono ya go botsolotswa

10Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 11.08.2016

Mokgaratlhela kgololosego Frank Chikane a re o porofitile gore ANC e tlile go latlhegelwa ke moMetro ba naga, diprofense mme mo tsamaong ya nako e tlile go nna ditlhopo tsa bosetshaba.

08Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 11.08.2016

Badirakopo ba ba tlileng go botsolotswa mo maemong a mosireletsi wa setshaba o montshwa ba setse ba gorogile kwa palamenteng.

07Dikgang ka DMK mo Motsweding fm 11.08.2016

Mokhuduthamaga wa thuto kwa Limpopo Ismael Kgetjepe o solofetswe go etela kgaolo e e leng mo mathateng ya Vuwani kwa Limpopo moso ono.

06Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 11.08.2016

Komiti ya nakwana ya palamente e e ka ga go tlhopa mosireletsi wa setshaba yo o latelang e simolola ka dipotsolotso moso ono.

05Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 11.08.2016

Go fitlheletswe tumalano gareng ga boeteledipele ba ANC kwa kgaolong ya OR Tambo kwa Eastern Cape le maloko a a oleng mowa a ANC kwa Qunu gaufi le Mthatha.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Mercedes Nkoane. 10.08.2016

Lenaane la katiso ya dithuto tsa bongaka magareng ga Afrika Borwa le Cuba, le bakile gore dingaka di le makgolo a balwa go tswa kwa malapeng a a humanegileng di amogele katiso kwa nageng eo ya Carribea.

20h00 Dikgang ka Mercedes Nkoane. 10.08.2016

ANC kwa Gauteng ya re e mo ditherisanong tse di masisi tse di ka ga go tlhama semphato, mme e simolotse le ka go sekaseka se se bakileng tiragatso e e bokoa ya yona mo ditlhopong tsa dipuso selegae kwa profenseng eo.

Dikgang tsa ura borataro ya ka Mercedes Nkoane. 10.08.2016

Bangwe ba barutwana go ralala Vuwani kwa Limpopo, ba re letsatsi la bona la ntlha la go boela sekolo morago ga dikgwedi di le 3, le tlhotse le itumedisa.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Mercedes Nkoane. 10.08.2016

Presidente wa liki ya basadi ya ANC, yo gape e leng tona ya tlhabololo loago Bathabile Dlamini, o kgapetse thoko dipego tsa gore go na le setlhopa se se kgaratlhelang go mmona e le mopresidente yo a latelang wa Afrika Borwa...

12h00 Dikgang ka Mosimanegape Moseki 10.08.2016

NUM e begile fa maloko a yona a ikamantse le straeke se se seng ka fa molaong le fa go na le lekwalo thibelo la kgotlha tshekelo.

14h00:Dikgang le Mosimanegape Moseki 10.08.2016

Utlwa ka lefapha la thuto ya Motheo kwa Limpopo le bega fa le konosetsa go romela Furnitura le dibuka kwa diklolong tsa Vuwani.

11H00 DIKGANG ka Mosimanegape Moseki 10.08.2016

Utlwa ka baitseanape ba Forensiki ba sepodisi ba tlile go leba kwa Vuwani mabapi le sekolo se se jelweng ka molelo maabane bosigo se se kgoreleditseng dithuto go tswelela segolo jang mo barutwaneng ba Grade Nine ba feta lekgolo.

09Dikgang ka DMK mo Motsweding fm 10.08.2016

Lefapha la thuto ya motheo la re go fisiwa ga sekolo kwa Vuwani kwa Limpopo maabane bosigo ga go ama go simololwa ga dithuto kwa dikolong tse dingwe tsotlhe kwa kgaolong eo gompieno.

08dikgang ka DMK mo Motsweding fm 10.08.2016

Eskom e sekegile motsamaisi wa seteishene sa motlakase sa Koeberg le motsamaisi wa plante ka ntlha ya go phasaladiwa ga ditlankana tse di tshotseng dintlha tse eleng tsa setlamo mmogo le ditshisinyo tse di golaganeng le leano la ntsho dikuno la Koeberg.

07Dikgang ka DMK mo Motsweding FM 10.08.2016

The Fees Commission, e e tlhametsweng go lebelela kgonagalo ya go nna le thuto e e sa duelelweng kwa University, e simolola ka ditheetso tsa phatlhalatsa kwa Pretoria gompieno.

06Dikgang ka DMk mo Motsweding FM 10.08.2016

Sekolo se sengwe gape se fisitswe kwa kgaolong e e aparetsweng ke mathata ya Vuwani gaufi le thohoyandou kwa Limpopo.

05Dikgang ka DMK mo MOtsweding FM 10.08.2016

Kgetse ya polao kgatlhanong le morwae mmegadikgang wa pele gape e le tokololo ya boto ya SABC Hope Zinde e tla reediwa kwa kgotlatshekelo ya kgaolo ya North West moso ono.

Boitumelo Zwane wa CGE o bua ka "topless revolutionaries" 09.08.2016

Puisano ya ga Boitumelo Zwane le Boitumelo Korogo ka mokgwa wa basadi wa go dira ditshupetso ba sa apara. Itseele ka tsebe.

Dikgang tsa ura ya Borataro ka Mosimanegape Moseki 09.08.2016

Mopresidente Jacob Zuma are puso e ka se ikjutse go fitlhelela baagi ba naga e ba nna le thebolelo e e tsepameng ya ditirelo.

Dikgang tsa ura ya Bosupa maitsebowa le Mosimanegape Moseki 09.08.2016

Moeteledipele wa DA Mmusi Maimane are basadi ba tshwanetse go thusiwa gotswa mo ntlheng ya go nna batswa setlhabelo ba bosinyi le lehuma

Dikgang tsa ura ya bo lesome le Mosimanegape Moseki 09.08.2016

Go ketekwa ga letsatsi la basadi kwa Union Buildings kwa Pretoria.

Dikgang tsa ura ya borataro le Mosimanegape Moseki 09.08.2016

Kgonagalo ya makoko a sepolitiki go ka dira semphato sa go laola bommasepala bagolo mo nageng.

Dikgang tsa ura ya bosupa le Mosimanegape Moseki 09.08.2016

Ditsela tsotlhe di leba kwa Union Buildings go tsenela moletlo wa letsatsi la basadi e le go gopola dingwaga di le some a marataro tse di fetileng

Listen to the SABC North West podcast in Replaio

Radio and podcasts in one app - free, with no sign-up. Install today and do not miss the launch

Get it on Google Play

Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.