SABC News and Current Affairs

SABC North West

News EN ↓ 1988 episodes

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.

Author

SABC News and Current Affairs

Category

News

Podcast website

www.sabcnews.com

Latest episode

Jan 20, 2024

Where to listen?

Podcasts in the app Replaio Radio Coming soon

Podcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts

Get it on Google Play Install for free Android 5M+ downloads · 4.8 rating iOS soon

Episodes

10Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 26.08.2016

Puso e nganga ka gore kgotlatshekelo ya boikuelo e tlile go kaya fa katlholo ya dingwaga di le thataro kwa kgolegelong ya ga Oscar Pistorius ya polao e le botlhofo thata.

08Dikgang ka Bayo mo Motsweding Fm 26.08.2016

Moitseanape wa molao Ulrich Roux a re kopo ya puso ya tetla ya go ikuela kgatlhanong le katlholo ya ga Oscar Pistorius e na le tshono ya dipersente di le soma matlhano go atlega

09Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 26.08.2016

OUTA e tlhalositse fa go leboga tiro ga monnasetilo wa komiti e e ka ga boruni ya setheo sa diphofo sa Afrika Borwa SAA Yakhe Kwinana e le kgato ya motho a inaganela a le nosi.

07Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 26.08.2016

Kantoro ya mopresidente ya re ga go sepe se se bofitlha ka ga go tlhamiwa ga kgotla ya mopresidente e e ka ga bogokaganyi ba ditlamo tsa puso.

06Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 26.08.2016

UDM e ikuetse go tona ya matlotlo Pravin Gordhan go dirisanya ka botlalo le lephata la The Hawks.

05Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 26.08.2016

Molaodi wa Energy NERSA, o totobaditse gore o tlile go ikuela kgatlhanong le katlholo ya kgotlatshekelo e e beetseng thoko karolo ya koketso ya dituelo tsa motlakase e e atlenegisitsweng go sale gale monongwaga.

20h00 Dikgang tsa ura ya bo 8 le Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Liki ya bashwa ya ANC mo North West e tlhagisitse kemonokeng ya yona go boikuelo ba liki ya bashwa ya bosetshaba, ba gore go tshwarwe khonferense ya pele ga nako ya lekoko ka maitlhomo a go tlhopa baeteledipele ba bantshwa ba bosetshaba.

19h00 Dikgang ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Liki ya bashwa ya ANC mo North West e tlhagisitse kemonokeng ya yona go boikuelo ba liki ya bashwa ya bosetshaba, ba gore go tshwarwe khonferense ya pele ga nako ya lekoko ka maitlhomo a go tlhopa baeteledipele ba bantshwa ba bosetshaba.

18h00 Dikagng ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Phaposi kgwebo e lopile dikgwebo, puso le badiri go tswelela go dirisana ka mowa o le mongwe, le mororo go na le magatwe a a dikaganyeditseng tona ya matlotlo Pravin Gordhan.

17h00 Dikgang ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Cosatu e kgalemile The Hawks gore e lese go ngoka kgatlhego ya setshaba ka tsela e e dirang tiro ya yona.

16h00 : Dikgang ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Motlatsa mopresidente Cyril Ramaphosa o ema-nokeng tona ya dichelete eo aparetsweng ke mathata Pravin Gordhan, yo o batlisisiwang ke lephata la twantsho ya bosinyi jo bo rulagantsweng The Hawks, ka ga seo bontsi ba se tlhalositseng fa se tlhotlhelediwa ke dipolotiki.

15h00 Dikgang ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Moatlhodi yo a rotseng marapo wa kgotlhatshekelo ya molaotheo Johan Krigler o ikuetse go Ma-Afrika Borwa gore a eme nokeng tona ya lefapha la matlotlo Pravin Gordhan.

14h00 Dikgang ka Mojalefa Mathibela 25.08.2016

Maloko a Corruption Watch, Right to Know, lekoko la FFPlus le Section 27, a boloditse ditshupetso ka kwa ntle ga dikantoro tsa The Hawks kwa PTA, jaaka babatlisisi ba The Hawks le batlhankedi ba SARS ba kopane mo sephiring.

13DIKG le Mosimanegape Moseki 25.08.2016

Moatlhudi wa maloba wa kgotlhatshekelo ya Molaotheo Johan Kriegler a ikuela go ma Afrika Borwa go ema nokeng tona ya matlotlo Pravin Gordan.

09 DIKGN le Mosimanegape Moseki 25.08.2016

Mekgatlho ya baagi e kgobokane ka kwantle ga dikantoro tsa The Hawks kwa Pretoria go ema nokeng tona ya matlotlo Pravin Gordhan.

19H00 Dikgang ka Kea Moalusi 24.08.2016

South African Communist Party SACP kwa KwaZulu-Natal, e kgadile dipolao tsa sepolotiki kwa profenseng eo, le go ikuela tsereganyo go tswa mo semphatong le mo pusong.

20h00 Dikgang ka Kea Moalusi 24.08.2016

Meyara wa masepala wa Nelson Mandela Bay, Athol Trollip, a re o tshepa setlhopa se sentshwa sa komiti ya gagwe.

18h00 Dikgang ka Kea Moalusi 24.08.2016

Tona ya matlotlo Pravin Gordhan, a re ga a ne a tlhagelela kwa pele ga The Hawks kamoso jaaka a laetswe ke lephata leo. Gordhan o tlhomamisitse gore o amogetse setlankana se se tswang kwa lephateng leo, mme o amogetse kgakololo ya molao ya gore a se tlhagelele ka nosi.

17h00 Dikgang ka Kea Moalusi 24.08.2016

Mokaedi wa lephata la Country Information Managmenet wa lefapha la merero ya selegae Busisiwe Mkhwebane, o atlenegisitswe go kokomala maemo a mosireletsi yo o latelang wa sechaba.

Dikgang tsa ura ya BORARO ka Lillian Mogotsi 24.08.2016

Komiti ya nakwana e supilweng go supa mosireletsi yo montshwa wa sechaba e simolotse go seka seka maina a bontlhopeng ba le batlhano ba maemo ano...

Dikgang tsa ura ya BONGWE ka Lillian Mogotsi 24.08.2016

Ntlhopeng yo ikemetseng Midah Moselane o voutetswe gonna meyara wa masepala wa Thabazimbi kwa Limpopo.

Dikgang tsa ura ya Lesome le bongwe ka Lillian Mogotsi 24.08.2016

Banka ya Reserve ya re Afrika Borwa o santse a itemogela Infleishene e kwa godimo le seelo se se kwa godimo sa botlhoka tiro....

08Dikgang ka Bayo mo Motsweding Fm 24.08.2016

DA ya re dipego tsa gore tona ya matlotlo Pravin Gordhan o lopilwe go ipega kwa lephateng la the Hawks kamoso ke go etegetsa mathata mo SARS

07Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM 24.08.2016

Ba dikgang tsa rona ba lemogile fa lekwalo le le rometsweng go tona ya matlotlo Pravin Gordhan le mo biletsa go ipega kwa lephateng la The Hawks kamoso mme le kaya fa a tshwanetse go arabela dipotso tse di saletseng morago tebang le se se itsegeng ka lephata la tsietso mo SARS.

06Dikgang ka Bayo mo Motsweding Fm 24.08.2016

Mapodisi a Mpumalanga a kgaratlhela go fitlhelela masaledi a ga Grace Shabangu yo o bolokilweng jaaka motlhoki ke puso ka 2014.

Listen to the SABC North West podcast in Replaio

Radio and podcasts in one app - free, with no sign-up. Install today and do not miss the launch

Get it on Google Play

Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.