SABC News and Current Affairs
SABC North West
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Author
SABC News and Current Affairs
Category
Podcast website
Latest episode
Jan 20, 2024
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Bayo 30.09.2016 5:13
Puisano ya ga Bahedile Selogilwe le Itumeleng Kgajane ka ga keteko ya boipuso ba dingwaga di le some a matlhano ba naga ya Botswana...
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Bayo 30.09.2016 5:07
Baithuti kwa Rhodes University ba ikanne go ikgatolosa dithuto go fitlha ditopo tsa bona tsa thuto e e sa duelelweng di sekegelwa tsebe...
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Bayo 30.09.2016 5:21
Kabinete e ikuetse go baeteledipele ba baithuti gore ba tlhagise dingongorego tsa bone ka tsela e e maleba.
19h00 : Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Mercedes Nkoane 29.09.2016 5:38
Kabinete e ikuetse go baeteledipele ba baithuti kwa di-universiting gore ba tlhagise matshwenyego a bona ka mokgwa o o maleba. Boikuelo bo no bo tla ka nako eo badira ditshupetso ba letsholo la Fees Must Fall ba thulanang le batlhankela ba tshireletso kwa di-universiting.
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Bayo 29.09.2016 4:44
Baithuti ba Wits University ba dirile kopo e e potlakileng kwa kgotlatshekelo e e kgatlhanong le go tswelediwa ga patlo maikutlo e e ka ga go lekanyetsa gore a bontsi ba badiri le baithuti ba unviesithi eo ba batla dithuto di tswelele beke e e tlang ka Mantaga gongwe nyaa.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Bayo 29.09.2016 5:07
Seme segolo sa ANC kwa palamenteng Jackson Mthembu a re go tshwanetse ga bolodiwa dipatlisiso tse di ka ga gore a maloko a boto ya SABC a siametse tiro ya one gongwe nyaa.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Bayo 29.09.2016 5:06
Botswana o keteka dingwaga di le some a matlhano tsa boipuso beke eno, mme go ntse le boikuelo ba gore puso e samagane le go etegela ga botlhoka tiro ga basha...
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Bayo 29.09.2016 4:41
Seme segolo sa ANC kwa palamenteng Jackson Mthembu a re boto ya SABC e tla tshwanela ke go tlhalosa gore e thapileng jang gape mokhuduthamaga wa pele wa merero ya tsamaiso mo SABC Hlaudi Motsoeneng go nna Group Executive for Corporate Affairs.
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Bayo 29.09.2016 5:00
ANC kwa palamenteng ya re ga e ne e gwetlha go thapiwa gape ga motlhankela mogolo wa pele wa merero ya tsamaiso mo SABC Hlaudi Motsoeneng kwa kgotlatshekelo, fa boto e ka swetsa go phimola tshwetso ya go mo thapa.
19h00 : Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Merc Nkoane 28.09.2016 4:50
Seme segolo sa ANC kwa palamenteng Jackson Mthembu a re boto ya SABC e tshwanetse go itlhalosa gore e thapile jang motlhankela mogolo wa yona wa pele wa tsamaiso mo maemong a Group Executive for Coporate Affairs. Ditshwaelo tsa ga Mthembu di tla morago ga gore kgotlhatshekelo kgolo ya boikuelo e tshegetse katlholo ya kgotlhatshekelo kgolo, ya gore go thapiwa ga ga Hlaudi Motsoeneng jaaka COO go kg...
18h00 : Dikgang tsa ura ya bo 6 ka Mercedes Nkoane 28.09.2016 5:01
Baithuti ba le 10 ba Rhodes University ba tshwerwe morago ga ditshupetso tse di tletseng tiriso dikgoka. Mapodisi a dirisitse dikolo tsa rabba le di grata tse e seng tsa nnete, tebang le go phatlhalatsa baithuti ba ba neng ba dira ditshupetso. Go begwa ba ne ba senya dithoto tsa mapodisi le go parega ditsela
Dikgang tsa ura ya Lesome ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 5:21
Maemo a santse a sisibetse kwa University of Limpopo kwa Mankweng, go latela dithulano tse di runtseng maabane bosigo magareng ga baithuti le mapodisi..
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 5:43
The Broadcasting, Electronic, Media and Allied Workers Union Bemawu e batla gore diaccounte tsa banka tsa ga Hlaudi Motshoeneng wa SABC di tswalwe nakwana le gore go tswelediwe dipatlisiso tse di ka ga magatwe a goduelwa madi a bonase..
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 5:39
Lekoko la Democratic Alliance la re le tshwenyegile ka ga kitsiso ya boto ya SABC ya gore Hlaudi Motsoeneng o thapilwe go nna Group Executive of Corporate Affairs...
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 4:56
Motlatsa mokwaledi kakaretso wa ANC Jessie Duarte a re SABC e tshwanetse go tshwenyega thata ka ga go obamela molao.
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 5:21
Badiri ba feta dikete di le kgolo a mabedi ba latlhegetswe ke ditiro mo madirelong a tlhagiso ka 2005 le 2014. Pegelo ya sesheng ya Statistics South Africa e kaya fa badiri ba ba latlhegetsweng ke ditiro e le ba madirelo a matsela, diaparo le ditlhako.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Bayo Selogilwe 28.09.2016 5:24
Tona wa lefapha la thuto e kgolwane Blade Nzimande a re o batla go tshwara kopano le baithuti le banna-le-seabe go fitlhelela tharabololo ya ditshupetso tse di tletseng tiriso dikgoka kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.
20h00 : Dikgang tsa ura ya bo 8 le Merc Nkoane 27.09.2016 5:18
Tona ya lefapha la Science and Technology Naledi Pandor a re lephata la ikonomi la naga le lopile lefapha la bosetshaba la matlotlo le la kgwebo le madirelo gore le sekaseke dipeeletso tse di dirileng ke puso go ya ka lenaane la koporasi tlhabololo ya madirelo.
19h00 : Dikgang tsa ura ya bo 7 ka Merc Nkoane 27.09.2016 4:47
Makoko kganetso kwa masepaleng wa Rustenburg mo North West, a dira boikuelo ba go tlhopiwa gape ga boeteledipele ba masepala, bo bo akaretsang meyara, seme segolo le mmusakgotla. Makoko ano a isitse morero ono kwa kgotlatshekelo kgolo ya Mahikeng, e e sekegileng masepala morago ga taelo ya kgotlatshekelo.
18h00 ; Dikgang tsa urayabo 6 ka Merc Nkoane 27.09.2016 5:16
Tona ya lefapha la thuto e kgolwane Blade Nzimande, a re o batla go kopanya baithuti le banna le seabe ba ba farologaneng mo thutong e kgolwane, tebang le go batla tharabololo ya ditshupetso tse di okangweng ke tiriso dikgoka kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.
17h00 : Dikgang tsa ura ya bo 5 ka Mercedes Nkoane 27.09.2016 5:24
Mosireletsi wa setshaba yo a rolang tiro Thuli Madonsela, a re ba tla batlisisa gore a motlhankela mogolo wa pele yo o malebana le tsamaiso wa SABC Hlaudi Motsweneng, o na le dinonofo le ditlhokwa tsa go dira sentle mo maemong a gagwe a mantshwa a Group Executive of Corporate Affairs. Ba tla batlisisa le lenane le le latetsweng malebana le go thapa Motsweneng mo maemong ao.
Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Bayo 27.09.2016 4:09
Diunivesithi di le pedi di tsibositse gore di ka tshwanelwa ke go phimola paka e e setseng ya dithuto fa ditshupetso tse di tletseng tiriso dikgoka tse di boloditsweng ke baithuti di tswelela.
Dikgang tsa ura ya borobedi ka Bayo 27.09.2016 4:42
Leuba le le padimotseng naga le tlile go baka gore ditlhwatlhwa tsa nama e khibidu di ye kwa godimo thata
Dikgang tsa ura ya bosupa ka Bayo 27.09.2016 5:27
Hillary Clinton o latofaditse Donald Trump ka bosemorafe, go nyatsa basadi le go tiila lekgetho
Dikgang tsa ura ya borataro ka Bayo 27.09.2016 4:55
Mekgatlho e ka nna 50 some a matlhano ya badiri e solofetswe go inyalanya le letsholo la #FeesMustFall kamoso mo morerong oo ka ga go rebolwa ga thuto ya mahala kwa ditheong tsa thuto e e kgolwane
Similar podcasts
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.