SABC News and Current Affairs
SABC North West
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Author
SABC News and Current Affairs
Category
Podcast website
Latest episode
Jan 20, 2024
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 28.10.2016 5:29
Mokwaledi kakaretso wa mokgatlho wa dichaba kopano o tsibogile ka go swabisiwa ke maikaelelo a dinaga tsa Afrika, a go ikgogela morago kwa kgotlatshekelo ya bodichabachaba ya bosinyi ICC.
Dikgang tsa ura ya bo 4 ka DMK 28.10.2016 5:53
Motlatsa tona ya phemelo le bagaka ba sesole Kebby Maphatsoe o latofaditse se a reng ke lephata la boraro le le batlang phetogo ya puso mo Afrika Borwa, ka gore le rwele maikarabelo a ditshupetso tse di tsweletseng tse di tletseng tiriso dikgoka kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 28.10.2016 5:27
Badirisi ba tlile go utlwalelwa ke go tlhatlhoga gape ga ditlhwatlhwa tsa lookwane go tloga beke e e tlang ka Laboraro. Lefapha la Energy le itsisitse gore tlhwatlhwa ya petrole ya 93 le 95 e tlile go tlhatlhoga ka disente di le some a mane le botlhano litara, fa ya disele ka di le some a marataro le boraro
Dikgang tsa ura ya bongwe ka DMK 28.10.2016 5:05
Modulasetilo wa komiti ya ditlhaeletsano kwa palamenteng Humfrey Maxengwana a re mookamedi wa Corporate Affairs mo SABC Hlaudi Motsoeneng ga a tle go bilediwa go tla kwa ditlhotlhomisong tsa SABC ntle fela fa go tlhokega. Komiti e tlile go bitsa maloko a ga jaana a khuduthamaga a boto le a pele go ntsha bopaki.
Dikgang tsa ura ya 11 ka DMK 28.10.2016 4:24
Maloko a boto ya SABC a a setseng a eseng a khuduthamaga, a tlile go rebolelwa ditsiboso tsa semmuso tsa go tsweletsa ditlhotlhomiso mo mererong ya SABC le kemo ya boto go dira tiro. Se ke go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhaeletsano kwa palamenteng Humfrey Maxengwana. Gompieno ke letsatsi la bofelo la go rebola tsiboso ya semmuso go maloko a boto.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Kea Moalusi 27.10.2016 5:46
Mokgatlho wa badiri AMCU wa re thebolo ya setlamo sa meepo Anglo American Platinum, ya diporesente di le supa e tla kgontsha maloko a one go falola mo maemong a a bokete a ikonomi.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 27.10.2016 5:48
Lekoko la DA la re le tla botsa tona ya matlotlo Pravin Gordhan kwa palamenteng ka ga magatwe a tiragalo ya botshwara-kananyo kwa dikantorong tsa tirelo ya lotseno ya Afrika Borwa SARS.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 27.10.2016 4:20
Bokaedi jo bo ikemetseng ba dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi IPID, bo tlhomamisitse fa bo batlisisa ngongorego ya tiragalo ya botshwara-kananyo, e e begilweng ke motlhankela mogolwane wa tirelo ya lotseno ya Afrika Borwa SARS, kgatlhanong le maloko a lephata la dipatlisiso The Hawks, ka ga morero wa ditatofatso kgatlhanong le tona ya matlotlo Pravin Gordhan.
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Kea Moalusi 27.10.2016 4:20
Tona ya phemelo Nosiviwe Mapisa-Nqakula, a re sesole se ka se thuse sepodisi go thibela ditshupetso tsa baithuti tse di tletseng tiriso dikgoka.
Dikgang tsa ura ya bo 4 ka DMK 27.10.2016 4:57
Mopresidente Jacob Zuma a re dipharologano tse di tsweletseng ga jaaana mo mokgatlhong wa ANC di ka nna tsa faposa maitlhomo a lekoko le le busang a go tswelela go nna barua boswa ba dipoelo tsa demokrasi ya naga. Mopresidente o ne a bua kwa moletlong wa go tlotla mogaka Oliver Tambo
Dikgang tsa ura ya bo 3 le DMK 27.10.2016 4:26
Tona ya matlotlo Pravin Gordhan a re dipego tsa gore go kile ga nna le tiragalo ya go dira modiri mongwe motshwara-kananyo kwa dikantorong tsa Rralekgetho tsa Pretoria kantlha ya email e gotweng e ne e golagane le tshwetso ya gore a latofadiwe di masisi thata fa e le gore ke boammaruri.
Dikgang tsa ura ya bobedi le DMK 27.10.2016 4:16
Tokololo ya palamente ya DA David Maynier o boditse tona ya matlotlo Pravin Gordhan gore a a ka kgona go tshwaela malebana le dipego tsa magatwe a gore mmueledi wa SARS o ne a dirwa motshwarwa kananyo ka ntlha ya e mail.
Dikgang tsa sethoboloko ka DMK 27.10.2016 4:34
Seme segolo sa EFF Floyd Shivambu o ikuetse go kantoro ya palamente e e ka ga melaotlhomo go tlamela ka melao yotlhe e e iseng e fetolwe. O dirile boikuelo jono kwa kopanong ya komiti ya mananeo ya kokoano theo.
Dikgang ta ura ya 11 ka DMK 27.10.2016 4:19
Tona ya matlotlo Pravin Gordhan o ganne go tsibogela potso ya gore a o tshepa kemonokeng ya sepolotiki ya lekoko le le busang la ANC. O ne a bua le baeng kwa kopanong ya difitlholo kwa Jhb. Go setse sebaka se se kwa tlase gasa beke pele Gordhan a araba ditatofatso tsa tsietso kwa kgotlatshekelo.
Sekhutlhwana sa badirisi le Lesibana Matlala 26.10.2016 6:09
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Mosimanegape Moseki 26.10.2016 6:04
Kgotla e lekanyetsang boleng ba thuto, Umalusi, ya re e itumeletse thulaganyo ya tshireletso e dirilweng ke lefapha la thuto mabapi le ditlhatlhobo tsa monongwaga tsa matriki.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Mosimanegape Moseki 26.10.2016 5:03
Gompieno ke letsatsi le legolo go barutwana botlhe ba Grade 12 e le fa bontsi ba bona ba simolola go kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa makgaola-kgang.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Mosimanegape Moseki 26.10.2016 5:58
Tirelo ya matshidiso ya moithuti wa Tshwane University of Technology yo tlhokafetseng ka motsi wa ditshupetso tsa FeesMustfall e tlile go tshwara gompieno.
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Mosimanegape Moseki 25.10.2016 5:30
Tona ya lefapha la thuto e kgolwane Blade Nzimande o solofetswe go thadisetsa kokoano Bosechaba gompieno ka ga maemo a ga jaana mo diKhampuseng tsa diUniversity go ralala naga.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Mosimanegape Moseki 25.10.2016 5:24
Tona ya lefapha la bosiamisi le ditirelo tsa kgopololo Michael Masutha o totobaditse gore o ne a laleditse mokaedi wa bosechaba wa bosekisi ba sechaba, Advocate Shaun Abrahams, go tla kopanong kwa dikantorokgolo tsa Anc tsa Luthuli House, kwa Jhb.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Mosimanegape Moseki 25.10.2016 5:40
Mapodisi a batliisa kgetsi ya polao e se ka maikaelelo go latela kotsi ya diterena e latotseng botshelo le go tlogela batho ba bangwe ba feta lekgolo ba gobetse kwa Kaalfontein magareng ga Thembisa le Kempton Park kwa East Rand maabane...
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Mosimanegape Moseki 25.10.2016 5:09
Lefapha la thuto ya Motheo la re gona le maano a dirilweng go netefatsa fa dipampiri tsa dipotso tsa ditlhatlhobo tsa makgaola-kgang tsa matriki kwa Limpopo, di sireletsegile........
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Mosimanegape Moseki 24.10.2016 4:38
Baithuti ba le babedi ba Tshwane University of Technology (TUT) kwa Mbombela ba kgaratlhela matshelo a bona kwa bookelong morago ga go fitlhelwa ba dutla madi kwa Fleteng ya bona kwa Mpumalanga.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Mosimanegape Moseki 24.10.2016 6:13
Presidente ya pele e tshwerweng ya Src kwa wits Mcebo Dlamini o ikuetse mo baithuting go ralala naga gore ba seka ba phuaganya kgaratlho ya bona ya thuto e sa duelelweng.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Mosimanegape Moseki 24.10.2016 5:38
Mamelodi Sundowns e dirile history ka go gapa bo mmampudi jwa 2016 CAF Champions League maabane bosigo.
Similar podcasts
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.