SABC News and Current Affairs
SABC North West
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.
Author
SABC News and Current Affairs
Category
Podcast website
Latest episode
Jan 20, 2024
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
Dikgang tsa ura ya Lesome le Bongwe ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 4:01
Tona ya lefapha la merero ya selegae Malusi Gigaba o tlile go ema bobegadikgang ka lefoko ka ga makwalo tetla a a kgethegile a baagi ba Lesotho.
Dikgang tsa ura ya Lesome ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 5:07
Leloko la Community Policing Forum kwa Nigel kwa Ekurhuleni le mmelaelwa ba bolailwe ka go thuntshiwa mme lepodisi le gobetse morago ga gore le lona le thuntshiwe ka nako ya kgothoso.
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 4:06
Komiti ya palamente e e malebana le sepodisi, ya re e batla go bona morero o o ka ga mokomishenara wa bosetshaba wa mapodisi yo o sekegilweng Riah Phiyega o konosediwa ka bonako.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 4:19
Motlatsa moatlhodi mogolo wa pele Dikgang Moseneke a re go botlhokwa go fitlhela badiredi puso ba ba itlamileng go tlhama Afrika Borwa wa boammaruri o o sa tlhaoleng ka lotso, o o gololosegileng mo ikonoming le itshokelano ya loago.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 4:17
Cope e nyaditse se e se kayang e le thulano e e runtseng gareng ga makoko a dipolotiki kwa komiting ya nakwana ya palamente e e tlhotlhomisang go nonofela tiro ga boto ya SABC...
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Dimakatso Motaung 29.01.2017 4:44
Rakgwebo wa kwa Limpopo o tshwerwe morago ga gore mapodisi a fitlhele dikarolo tsa tshukudu kwa ntlong ya gagwe...
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka DMK 28.01.2017 4:54
Motlatsa moatlhodi mogolo wa pele Dikgang Moseneke a re o solofela gore kgotlatshekelo ya molaotheo e tla tswelela go mekamekana le merero e megolo e e lebaneng Afrika Borwa.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 5:41
Pegelo e e thadilweng ya komiti ya nakwana ya palamente e e ka ga merero ya SABC, e kgala tona ya ditlhaeletsano Faith Muthambi mo go tseneletseng, mme e tshisinya gore a ka tswa a tsere kgato e e seng mo molaong ka go sunya nko mo mererong ya tirelo kgaso ya setshaba.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 0:43
Monnasetilo wa komiti ya nakwana ya palamente e e tlhotlhomisang go nonofela tiro ga boto ya SABC Vincent Smith, o sireleditse tshweetso ya bona ya go romela pegelo ya nakwana kwa maphateng a a amegang ntle le dikatlenegiso.
Dikgang tsa ura ya Lesome ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 4:27
Pegelo ya nakwana ya komiti ya palamente ya nakwana e e tlhotlhomisang go nonofela tiro ga boto ya SABC e senotse gore molao wa kgaso o ikgatholositswe.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 4:29
Lephata la mapodisi la twantsho ya bosinyi jo bo rulagantsweng The Hawks, la re le tletse tsholofelo ya gore matsapa a lona a go lwantsha bosinyi kwa bommasepaleng a tlile go nna le dipholo tse di namatshang.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 4:56
Mmueledi wa mokomishanara wa bosetshaba wa mapodisi yo o sekegilweng Riah Phiyega, ebong Sandile July o tlhomamisitse gore mmuelelwa wa gagwe o gwetlha diphitlhelelo tsa pegelo ya Claasen.
Dikgang tsa ura ya Borataro ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 4:41
Badirisi ba ba chonneng ba tlile go nna mo kgatelelong e seng kana ka sepe fa tlhwatlhwa ya petrolo e oketsega ka disente di le 29 llitara ka laboraro
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Dimakatso Motaung 28.01.2017 4:25
Lefapha la kgwebo le madirelo la re le dirile kgatelo pele e e bonagalanag mo ntlheng ya go samagana le mathata mo bodirelong ba kgogo.
Dikgang tsa ura ya Bobedi ka Kea Moalusi 24.01.2017 2:20
Monnasetilo wa Komiti ya nakwana e batlisisang merero ya Sabc Vincent Smith a re go ne go le mo pepeneneng gore dipaki dingwe kwa ditheetsong tsa dipatlisiso tsa komiti, di ne di sa bue boammaruri.
Dikgang tsa Sethoboloko ka Kea Moalusi 24.01.2017 2:41
Lekoko lengwe le lengwe la dipolotiki mo Komiting ya ditlhaeletsano kwa Parliamenteng, le tlile go neela seme segolo sa lona maina a bontlhopeng, ba ba tla thapiwang mo botong ya nakwana.
Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Kea Moalusi 23.01.2017 4:43
Moeteledipele wa EFF Julius Malema a re lekoko le tlhomamisa tshedimosetso e e botlhokwa pele le tsaya kgato kgatlhanong le mosireletsi wa setshaba Busisiwe Mkhwebane.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 3:50
Balemirui bangwe ba thopile gape dikgomo di feta lekgolo tse di utswilweng kwa polasing e e gaufi kwa Phela Matlhako gaufi le Zeerust mono North West.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 4:36
Mokwaledi kakaretso wa ANc Gwede Mantashe o ikuetse go maloko a ANC go bega bogwene-gwene go sa kgathalasege seemo sa mmelaelwa mo sechabeng.
Dikgang tsa Sethoboloko ka bahedile Selogilwe 21.01.2017 4:37
Mokgatlo wa baithuti Cosas mo profenseng ya North West o ikuela gore go tshwaiwe gape diPampiri tsa diteko tsa barutwana kwa sekolong se segolo sa Promosa kwa Potchefstroom.
Dikgang tsa ura ya Lesome le bongwe ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 4:35
Makgotla taolo a dikolo a itlamile go dirisana le lefapha la Thuto mo profenseng ya North West tebang le go thusa barutwana kwa dikgaolong tsa metse magae.
Dikgang tsa ura ya Borobongwe ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 4:23
MoPresidente wa boSome-a-mane le botlhano wa Amerika Donald Trump o setse a simolotse go phatlhalatsa boswa ba Barack Obama yo sa tswang go rola marapo.
Dikgang tsa ura uya Bolesome ka bahedile Selogilwe 21.01.2017 4:39
Batho ba le barataro ba bolailwe ka mogoso kwa Hammersdale kwa Duban maabane bosigo.
Dikgang tsa ura ya Borobedi ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 5:08
ANc mo komiting ya nakwana ya Parliamente e batlisisang merero ya SABC e tsibogetse ka kelotlhoko katlenegiso ya gore Tona ya ditlhaeletsano faith Muthambi a kobiwe.
Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Bahedile Selogilwe 21.01.2017 5:04
Mmueledi wa Oakbay Investments ya ba ga Gupta Gert van der Merwe a re o na le tsholofelo fa dipholo tsa kgotlhang ya kwa kgotlatshekelo magareng ga setlamo le Tona ya lefapha la matlotlo Pravin Gordhan, e tlile gonna tse di namatshang.
Similar podcasts
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.