SABC News and Current Affairs

SABC North West

News EN ↓ 1988 episodes

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.

Author

SABC News and Current Affairs

Category

News

Podcast website

www.sabcnews.com

Latest episode

Jan 20, 2024

Where to listen?

Podcasts in the app Replaio Radio Coming soon

Podcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts

Get it on Google Play Install for free Android 5M+ downloads · 4.8 rating iOS soon

Episodes

06 Dikgang ka DMK 01.03.2017

DA ya re Financial Intelligence Centre Amendment Bill ke sengwe sa dibetsa tse di botlhokwa thata tsa molao mo ntweng kgatlhanong le bomenemene mo Afrika Borwa

05 Dikgang ka DMK 01.03.2017

Kgetse kgatlhanong le moeteledipele wa FeesMustFall kwa Durban University of Technology, Bonginkosi Khanyile, e tlile go reediwa kwa kgotlatshekelo ya molaotheo gompieno

Dikgang ts aura ya Borobedi ka Lillian Mogotsi 28.02.2017

Badiri kwa Planteng ya go tlhatswa metsi ya klipdrift kwa Hammanskraal kwa bokone ba Pta, ba boloditse strike ba batla go okelediwa dituelo le gore ba duelwe ditshiamelo tsotlhe tse ba sa di duelwang.

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Lillian Mogotsi 28.02.2017

Moeteledipele wa Freedom Front Plus Pieter Groenewald a re beng ba ba maleba ba lefatshe mo nageng ke bao ba tshotseng dititle Deeds mme ba le dueletse.

Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Lillian Mogotsi 28.02.2017

MoPresidente Jacob Zuma o solofeditse go fitlhelela mekgwa ya go fedisa bosenyi mo nageng.

09 Dikgang ka DMK 28.02.2017

Modulasetilo wa boto ya Prasa Popo Molefe a re go ne go tlodilwe tsamaiso ya setlamo ka nako eo mogolo wa motlhankela khuduthamaga wa nama o sa tshwere wa pele Collins Letsoalo o ne o tlhatlosiwa.

08Dikgang ka DMk 28.02.2017

Ditlhopa tsa phaloso tse di amegang mo letsholong patlo la Richard Thole wa dingwaga di le 5 yo o wetseng mo shafteng ya moepo wa bogologolo kwa Witfield kwa Boksburg kwa botlhaba ba Johannesburg ba tlile go kopana go sekaseka kgatelo pele

07Dikgang ka DMK 28.02.2017

Kokoano theo bosetshaba gompieno e tlile go ngangisanela kgato ya EFF e e ikuelang gore karolo ya bo 25 ya molaotheo, e e samaganang le thoto le lefatshe e fetolwe. Pegelo ya makgaolakgang ya komiti ya palamente ya makwana e e tlhotlhomisang merero ya SABC e solofetswe go phasaladiwa gompieno.

07Dikgang ka DMK 28.02.2017

Kokoano theo bosetshaba gompieno e tlile go ngangisanela kgato ya EFF e e ikuelang gore karolo ya bo 25 ya molaotheo, e e samaganang le thoto le lefatshe e fetolwe

05Dikgang ka DMK 28.02.2017

Meyara wa Cape Town Patricia De Lille o tlile go tlhagisa maano a paka gare le paka telee a metswedi ya metsi kwa toropong eo gompieno.

06Dikgang ka DMK 28.02.2017

Moitseanape wa dipolotiki Sethulego Matebesi a re ditshupetso tse di ka ga tlamelo ka ditirelo tse di aparetsweng ke tiriso dikgoka di nna le mokgwa wa tsone o o ka nnang le ditlamorago tse di ka se fetogeng ebile di boifisa

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Lillian Mogotsi 27.02.2017

Boto ya Passanger Rail Agency Prasa, e khutlisitse ka gangwe kontraka ya Mokhuduthamaga mogolo wa nama o tshwere Collins Letsoalo.

Dikgang ts aura ya Borataro ka Lillian Mogotsi 27.02.2017

Batlhankela ba Phaloso le baagi kwa Kampeng ya baipei ya Jerusalem kwa botlhaba ba Jhb, ba letetse go utlwa gore A letsholo patlo la mosimanyana wa dingwaga tse tlhano le tlile go sekegiwa mo letsatsing la boraro ka tatelano kgotsa Nnyaa!.

Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Lillian Mogotsi 27.02.2017

Baagi ba Freedom Park gaufi le Rustenburg mo profenseng ya North West, ba fisitse banna ba le babedi ba ba belaelwang ka maiteko a go utswa sejanaga, mme seno se bakile gore monna wa dingwaga di le some-a-mane le bone a tshwarwe ka dipego tsa polao le maiteko a polao.

08Dikgang ka DMK 27.02.2017

Mmelaelwa o tshwerwe morago ga magatwe a gore setlhopa sa banni ba hostele ya Jeppe ba tlhasetse le go utswetsa mabenkele kwa Jeppestown kwa Johannesburg maabane bosigo Melaetsa ya matshidiso e tsweletse go amogelwa ya ga mokgaratlhela kgololosego le tshimega ya ditshwanelo tsa botho moatlhodi Essa Moosa

07Dikgang ka DMK 27.02.2017

Palamente e kgaphetse thoko dipego tsa DA tsa gore setheo seo se dirisitse diranta di feta dimillione di le 11 go tshwara puo ya mopresidente le setshaba kgwedi eno e le matsatsi a le 9.

06Dikgang ka DMK 27.02.2017

Tona ya metsi le kgelelo leswe Nomvula Mokonyane o boetse go kgala baagi ba ba nnang mo dintshing sa dinoka tsa Vaal le Orange go ela tlhoko merwalela e e ka nneng ya nna teng.

05Dikgang ka DMK 27.02.2017

Kiletso ya tiriso ya metsi kwa Gauteng e solofetswe go phimolwa mo bogautshwaneng ka ntlha ya dipula tse di tsweletseng go na kwa bogare ba naga mo dibekeng di le pedi tse di fetileng.

Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 26.02.2017

Mokwaledi kakaretso wa SACP Blade Nzimande o kgadile go ikanisiwa ga mokhuduthamaga mogolo wa pele wa Eskom Brian go nna leloko ANC la palamente.

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 26.02.2017

Mokwaledi kakaretso wa SACP Blade Nzimande o kgadile go ikanisiwa ga mokhuduthamaga mogolo wa pele wa Eskom Brian go nna leloko ANC la palamente.

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 26.02.2017

Lekoko la DA le latofaditse mopresidente Jacob Zuma ka go ikgatolosa bothata bo bo leng gone mo bothating ba bosetshaba ba bosekisi NPA, bo bo ka ga morero o o amang Lawrence Mrwebi le Nomgcobo Jiba.

Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 26.02.2017

Mekgatlho ya badiri FEDUSA le SAPTU e ikuetse go puso go tsibuga ka bonako go fedisa dipolao kwa dipolaseng.

Dikgang tsa ura ya Botlhano ka Kea Moalusi 26.02.2017

Lekoko la DA la re mopresidente Jacob Zuma o dira gore dikgotlatshekelo di dire tiro ya gagwe mme ga go gakgamatse gore o sweditse go se sekege boAdvovate ba bothati ba bosetshaba ba bosekisi NPA, ebong Lawrence Mrwebi le Nomgcobo Jiba.

Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Kea Moalusi 25.02.2017

Mokhuduthamaga wa pabalesego ya baagi kwa Gauteng Sizakhele Nkosi-Malobane o dumetse gore badichaba bangwe ba na le seabe mo ditiragalong tsa bosenyi.

Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi 25.02.2017

Lefapha la metsi le kgeleloleswe le tsibusitse baagi ba ba nnang gaufi le Vaal Dam ka ga kgonagalo ya merwalela, jaaka batlhankela ba butse maparego a letamo.

Listen to the SABC North West podcast in Replaio

Radio and podcasts in one app - free, with no sign-up. Install today and do not miss the launch

Get it on Google Play

Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.