Motsweding FM

Nna Le Wena

“Mosadi o tshwara thipa ko bogaleng” this will be the centre of discussions. For a long time men have been sitting at the helm of policymaking but today as a society we find that there are far too many social ills that plague the development of the country. Thought- provoking in-depth discussions with listeners and experts on Contemporary social issue, Illiteracy, Poverty, Juvenile Delinquency, Violence against Women. Nna Le Wena is hosted by the veteran broadcaster Mme. Lindiwe Modise between 20:00-00:00

Author

Motsweding FM

Category

Education

Podcast website

www.motswedingfm.co.za

Latest episode

Jun 26, 2026

Where to listen?

Podcasts in the app Replaio Radio Coming soon

Podcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts

Get it on Google Play Install for free Android 5M+ downloads · 4.8 rating iOS soon

Episodes

Go itswalela ka mathata a gago osa buwe le ope(bottling up your emotions) le Pontsho Singo o dira jaaka social woker gotswa kwa setheong sa FAMSA 29.10.2021

Go itswalela ka mathata a gago osa buwe le ope(bottling up your emotions) le Pontsho Singo o dira jaaka social woker gotswa kwa setheong sa FAMSA

Go tlhokomela leruo le le farologaneng ka nako ele nngwe le Nthabiseng Kgobokoe ke molemirui wa Dikgomo, Dinku, Dipudi, Dikolobe le tse dingwe 11.10.2021

Gompieno mo sekhutlwaneng sa SEGARONA re tlile go ithuta ka go tlhokomela leruo le le farologaneng ka nako ele nngwe. Go nale batho bao ba ruileng Dikgomo, Dinku, Dipudi, Dikolobe le tse dingwe, tsotlhe ke diphologolo mme gadi tshwane ka dilo dile dintsi. Re tlile go ithuta ka mokgwa odi phelang ka teng, malwetse a tsone, dijo tsa tsone letse dingwe. Reetsa fare tlabo re buisana le Nthabiseng Kgob...

A go bonolo gore bo Rre kgotsa Ntate ba buwe fa ba iphitlhela ba le mo kgolaganong e e tletseng tshotlako gotswa mo go Mme? 28.09.2021

A go bonolo gore bo Rre kgotsa Ntate ba buwe fa ba iphitlhela ba le mo kgolaganong e e tletseng tshotlako gotswa mo go Mme? Ake selo se se bonolo gore Rre a buwe fa asa itumela mo kgolaganong a kgokgontshiwa ke Mme kgotsa molekane wa gagwe? Gase gantsi bo Rre ba buisana ka dikgang di tshwana le tseno, mme fela go botlhokwa go buwa ka nako tsotlhe. Re tlile go tlola le Nkhabele Marumo ke clinical p...

Tsamaiso Ya Lenyalo Le Magadi Ka Setso le Bakgatlha kwa Moruleng le Batlhaping ba Maidi kwa Taung 27.09.2021

Mo bekeng e e fitileng re buisane le Merafe ele mebedi e e sa tshwaneng ka tsamaiso ya lenyalo le di therisano tsa bogadi( Batlokwa le Barolong). Phirimane ya gompieno re etela Bakgatlha Kwa Moruleng Le Batlhaping Ba Maidi Kwa Taung. Eya, re Batswana mme re dira dilo kago farologana le ditumelo tsa rona gadi tshwane. Re tlotla le Bakgatlha le Batlhaping, ba farologane gole kae ka bogadi le lenyalo...

Tsamaiso Ya Lenyalo Le Magadi Ka Setso le Oupa Bogatsu, ke Malome gotswa kwa Morafeng wa Batlokwa kwa Molatedi, le Rakgadi Maserame Mabitle gotswa mo Dithakong tsa Mahikeng- Barolong 27.09.2021

Paka eno mo Afrika Borwa go bonala ele ya manyalo le patlo Magadi/bogadi, Ke nako e e itumedisang thata. Phirimane ya gompieno re lebelela ntlha ya patlo bogadi go akaretsa le ditherisano tsa bogadi. Ke setso gore pele re keteka lenyalo go tshwanetse ga nna le bogadi jo bo ntshiwang mme morago ra kgona go itumelela lenyalo. Ke mang a nang le ditshwanelo/tetla yago rera bogadi goya ka setso? Go bui...

A setso sa rona sa rona sa gola kgotsa se fetoga le dinako 20.09.2021

Dilo dile dintsi di fetogile ga jaana, matshelo a rona le one a fetoga. A setso sa rona le sone se a fetoga kgotsa se gola le rona? O lemogile eng wena ka setso sa rona? Sa gola kgotsa se a fetoga? Re tlile go tlotla le Kaka Mokakale ene ke moitseanape wa setso. Tom Perez o buisana le Kaka Mokakale ke moitseanape wa setso

Tsamaiso ya phitlho ya Rre ka mokgwa wa setso le Ngaka Sello Mothupi 30.08.2021

Mogare wa Covid-19 ore pateletse di dira diphetogo tsedi rileng mo tsamaisong ya dilo dile dintse di tshwana le ditheriso tsa magadii, tshirolo tsa matlapa, meletlo go akaretsa le mokgwa o leso kgotsa phitlho e tsamaisiwang ka teng. A mme re santse re gopola sentle gore fa ·Rre· wa lelapa a tlhokafetse tsamaiso ya leso/phitlho e nna jang goy aka setso sa rona a Setswana? Lindiwe Modise o buisana l...

Kgomotso Sepeng o tlotla le Lindiwe Modise ka botshelo jwa ga Sam Mbatha wa ko Klipgat le gore jaaka lelapa ba akanya gore ke eng se se tlhotlholeditseng polao yaga Sam. 24.08.2021

Kgomotso Sepeng o tlotla le Lindiwe Modise ka botshelo jwa ga Sam Mbatha wa ko Klipgat le gore jaaka lelapa ba akanya gore ke eng se se tlhotlholeditseng polao yaga Sam.

Ke itshwarela jang motho yo o kgokgontshang le Julia Mathebethe - clinical Psychologist 17.08.2021

Rotlhe ra dumalana gore go kgokgontshiwa gase selo se se ntle, gosa kgathalatsege sebakwa sa kgokgontsho/abuse. Bontsi jwa basadi ba kgokgontshiwa ke batho bao eleng Banna kgotsa Makau a bone. Lindiwe Modise o buisana le Julia Mathebethe, clinical Psychologist. 

Re gopola motsogapele Vusamazulu Credo Mutwa le Dr Otsile Ntsoane ke Mmatlisisi mogolo gotswa kwa North West University 20.07.2021

Re gopola mo Afrika o mogolo Credo Mutwa. Ene ele ka lona letsatsi leno fago bonwa mokwadi, Sanusi, traditional healer, philosopher Credo Mutwa 21 July 1921 kwa Zululand, KwaZulu-Natal, mme o tlogetse lefatshe le le ka kwano ka 25 March 2020. Lindiwe Modise o buisana le Dr Otsile Ntsoane ke Mmatlisisi mogolo gotswa kwa North West University(IKS) e bile omo motlhaleng wago phasalatsa buka ka dithut...

Mefuta e farologaneng ya boloi le Boikanyo Ramogoelela 19.07.2021

Nako dingwe o tlhola utlwa batho/motho are wa loiwa neh? Bangwe e bile ba kgona go go bolelela gore ba belaela/nagana gore ba loiwa ke bo mang akere?  Phirimane ya gompieno re lebelela mefuta e e farologaneng ya boloi. Gone moloi ke mang? Fa ore motho wa loya wabe o bone/bona kaeng gore seno se, ke boloi. Moeng wa rona ke Boikanyo Ramogoelela. O itsi mefuta ele mekae ya boloi wena moreetsi, l...

Mmoloki Matlapeng o a mo ngwageng ya bofelo ya dithuto tsa bongaka a tlhalosa gore Segateledi ke eng? 29.06.2021

Wa se itsi Segateledi? A o nale maitemogelo a selo se? La ntlha fa o itemogela Segateledi, o ne o nagana gore go diragalaeng ka wena? Re laleditse mosha yo a ithutetseng bongaka jwa gagwe kwa nageng ya Cuba, mme ga jaana omo ngwageng wa gagwe wa bofelo wa dithuto tsa bongaka kwa University of the Witwatersrand ke  Mmoloki Matlapeng.

Rre Lobelo le Bokamoso ka botlhokwa jwa gore batsadi ba rona ba neela basha tshegetso fa baya go ithutela bongaka 14.06.2021

A bagolo/batsadi ba rona ba neela ban aba rona tshegetso e e maleba fa baya go ithutela bongaka? Phirimane eno re lebelela gore, go botlhokwa gole kae gore batsadi ba rona ba neela basha/bana tshegetso fa baya go ithutela bongaka, go akeretsa lefa ba bowa go ithutela bongaka. Kgang ya gore bongaka jwa setso ke jwa bagolo fela, ke dilo tsa maloba. Are ithute go tsamaya le dinako moreetsi. Re laledi...

Karabo o sotlakakilwe ke Malome wa gagwe dikgwedi di feta thataro ka thobalano ka ngwaga wa 2013 08.06.2021

Gompieno mo sekhutlwaneng sa Gender Based Violence, re kopana le Karabo gotswa kwa Vryburg. Karabo o tlhokefeditswe ke Malome wa gagwe dikgwedi di feta thataro ka thobalano ka ngwaga wa 2013. Karabo o tshabile go buwa ka kgang eno ka gore one asa batle go senya lenyalo la Rakgadi wa gagwe. Karabo ke motho wa bong( Gay) re tlotla le ene go utlwa gore kgang ya gagwe e simolotse jang e fedile jang.

Gogo Lerato o eleng mosha mme ele ngaka ya setso, ka maitemogelo a gagwe 07.06.2021

Re tswelela go keteka mosha mo kgweding eno. Gompieno mo sekhutlwaneng sa Segarona re buisana le mosha yo eleng ngaka ya setso. Re tlotla le ene ka botshelo jwa mosha yo eleng ngaka ya setso. Ke eng sea ithutang sone ka bongaka, setso le ngwao ya setso jaaka Ngaka. Lerato Molebatsi ke mosha wa dingwaga dile 32 gotswa kwa Itsoseng. Re tlotla le ene k aura ya boraro.

Re seka seka mefuta e e farologaneng ya Bongaka jwa setso le Advocate Morakile Gomolemo. 31.05.2021

Re seka seka mefuta e e farologaneng ya Bongaka jwa setso. Moeng wa rona ke le Advocate Morakile Gomolemo.

Go ikilela ga dingaka tsa setso le Ngaka Sello Mothupi 24.05.2021

Re buisana ka go ikilela ga dingaka tsa setso. Go ikilelela go gontsi thata, ke ka moo re lebelelang gore pele motho aya go ithutela bongaka jwa setso, ka nako eo a santseng a ithuta le fa a bowa koo. O ikilela mo dilong tsa mofuta mang. Re buisana le Ngaka ya setso Sello Mothupi.

Botshelo morago ga petelelo le Tumelo Mampane 18.05.2021

Gender Based Violance(I AM SURVIVOR) re buisana Tumelo Mampane, ka kgang ya gagwe yago betelelwa ke bo Rre bale babedi. Ditiragalo tsotlhe tse, di diragetse ka ngwaga wa 2013. Reetsa fa Lindiwe Modise o buisana le Tumelo Mampane.

Mefuta e e farologaneng ya go ikilela le Rre Boikanyo Ramogoelela 17.05.2021

Re bua ka mefuta e e farologaneng ya go ikilela. Moeng wa rona ke Boikanyo Ramogoelela.

Masego o sotlilwe ke lekau la gagwe sebaka se setelele, kgolagano ya bone e simolotse sentle fela. 11.05.2021

Gender Based Violence (I AM SURVIVOR) re buisana le Masego gotswa Krugersdorp. Masego o sotlilwe ke lekau la gagwe sebaka se setelele, kgolagano ya bone e simolotse sentle fela. Bane ba ratana jaaka basha. Molekane wa gagwe(Masego) o ne a simolola gomo tseela ditshweetso, lego laola metsamao ya gagwe, reetsa fa Lindiwe Modise a buisana le ene.

Go rupisiwa ga bana ba basimane le Kgosi Moses Molopyane Mabe, gotswa motseng wa Tlhakong- Rustenburg 03.05.2021

Phirimane eno mo sekhutlwaneng sa rona sa Segarona re ithuta ka tsamaiso e e maleba yago rupisa bana ba basimane. Re lebelela gore ngwana o tlhoka eng gore a kgone go rupisiwa? Moeng wa rona ke Moeng wa rona ke Kgosi Moses Molopyane Mabe, gotswa motseng wa Tlhakong- Rustenburg.

Botshelo morago gago falola tshotlako mo kgolaganong le Valencia Andrew. #GBV 27.04.2021

Re buisana le motswa setlhabelo wa tshotlako ya basadi. Valencia Andrew o sotlilwe ke molekane wa gagwe wa maloba dingwaga dile tlhano. Goya ka Valencia molekane wa gagwe o ne a ikaeletse go tsaya botshelo jwa gago, jaaka a tlhalosa gore o falotse loso makgetlho ale mabedi. Go simolotse kae tota? Reeetsa Lindiwe Modise a buisana le ene.

Seemo le boitekanolo jwa tlhaloganyo ya gago le Mamenese Mathule 19.04.2021

Re lebelela seemo le boitekanolo jwa tlhaloganyo ya gago. Nnete ke gore go nale dilo dile dintsi thata tseo di amang ka mokgwa ore akanyang ka teng ka botshelo leka ka mokgwa ore dirang dilo ka teng. Re laleditse Relationship & Life coach Mamenese Mathule

Anele Madonsela ka tiro ya gagwe jaaka Energy Astrologer 13.04.2021

Re nama maoto re buisana le Anele Madonsela ka tiro ya gagwe jaaka Energy Astrologer.

Karoganyo ya dithoto ka nako ya tlhalano segolo jang fa tlhalo e tsena mme go sena will 13.04.2021

Molao o lebelela eng pele goka tsewa tshweetso ya gore mang o bona eng, jang, segolo jang fa tlhalo e tsena mme go sena will. Re tlotla le Lucky Mokotedi ke mmueledi.

Listen to the Nna Le Wena podcast in Replaio

Radio and podcasts in one app - free, with no sign-up. Install today and do not miss the launch

Get it on Google Play

Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.