Motsweding FM
Nna Le Wena
“Mosadi o tshwara thipa ko bogaleng” this will be the centre of discussions. For a long time men have been sitting at the helm of policymaking but today as a society we find that there are far too many social ills that plague the development of the country. Thought- provoking in-depth discussions with listeners and experts on Contemporary social issue, Illiteracy, Poverty, Juvenile Delinquency, Violence against Women. Nna Le Wena is hosted by the veteran broadcaster Mme. Lindiwe Modise between 20:00-00:00
Author
Motsweding FM
Category
Podcast website
Latest episode
Jun 26, 2026
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
O lemoga leng gore mo nyalong ya gago, ga wa gololosega? 12.04.2021 36:53
Remo kgweding ya kgololosego moreetsi, mongwe le mongwe o nale kgololosego ya gagwe goya ka molao- theo wa Afrika Borwa. Phirimane ya gompieno relebelela kgololosego mo lenyalong. O lemoga leng gore mo nyalong ya gago, ga wa gololosega? Re laleditse le Faith Mnyameni, ke social worker ebile ke mokaedi kwa Imani psychosocial solutions.
Go busetsa batho dilo tsa bone le Rre Keorapetse Pele o eleng Ngaka ya setso. 23.03.2021 37:08
Re buisana kago busetsa batho dilo tsa bone. Moeng wa rona ke Keorapetse Pele ke Ngaka ya setso.
Dikgato tse "difuneral parlor" di di tsayang fa motho a tlhokafetse ka ntlha ya COVID-19 01.02.2021 45:52
Re lebelela gore funeral parlors fa ba sena go begelwa gore go nale mongwe yo o tlhokafatseng ka ntlheng ya mogare wa Covid-19 kgotsa ele leso la tlhago, ba amogela jang motho yoo, go fitlha ka letsatsi la bofelo la phitlho. Re tlile go tlotla le Brown Mosiapoa gotswa kwa Brown mosiapoa's fan club and funeral service, re laleditse le Rre Ratau Mphatlhele ke modulasetulo wa South African funeral pr...
Re keteka lego itumelela botshelo jwa MotlhwaaHatshe yo re mo itseng ka leina la Laities 06.01.2021 22:15
Lindiwe Modiwse o buisana le Boikanyo Ramogoelelo, yo a dirileng lobaka le setlhopha sa Ngwao ya Tshona, re lebelela tirisano mmogo ya gwe le MotlhwaaHatshe yo re mo itseng ka leina la Laities.
Ke eng se motsadi a tshwanelang ke go se dira gore ngwana o ratang le ba bong bo bo tshwanang a amogelesege mo lapeng 17.11.2020 31:17
Ke eng se motsadi a tshwanelang ke go se dira gore ngwana o ratang le ba bong bo bo tshwanang a amogelesege mo lapeng
Taolo ya bolwetse jwa Covid-19 kwa dikgologelong tsa rona 16.11.2020 21:53
Re lebelela gore dikgolegelo tsa rona di tswelela jang go sireletsa ba golegwa kgatlhanong le leroborobo la Covid-19. Re laleditse sebueledi gotswa kwa lefapheng la kgopololo ke Mme Tebogo Khumalo, O buelela province dile tharo( Limpopo, North West le Mpumalanga)
Re buisana le Basekiseng Olebogeng ka go itshepa ka bong jwa gago le go bona tshegetso e e maleba gotswa kwa batsading 27.10.2020 14:58
Basekiseng Olebogeng omo dingwageng tsa gagwe tsa bosha, O tsaletswe kwa motseng wa Kudunkgwane, mme o goletse kwa Marikana(Rustenburg) batsadi ba gagwe bamo amogetseng go tloga e sale ngwana gore ke Gay. Re buisana le ene ka botshelo jwa gago.
Rre Michael Serapelo mo tiro ya go kgweetsa e ka amang kgolagano ya gago le ba lelapa? 27.10.2020 17:30
Michael Serapelo ke Rre wa lelapa gotswa kwa Mafikeng, mme o dirila kgotsa o kgweetsa kwa Profenseng ya Gauteng, Free State, Mpumalanga, Limpopo le North West. Fela jaaka bakgweetsi ba bangwe tiro ya gagwe e ama thata kgolagano ya gagwe le ba lelapa go akaretsa le itekanelo ya gagwe. Re buisana le ene ko ureng ya bofelo. Michael Serapelo
Bothata jwa moaparo kwa kerekeng le kwa di phitlhong mo malokong a LGBTIQ 13.10.2020 11:25
Mo sekhutlwaneng sa rona sa LGBTIQ re buisana le Lebogang Mokobi ka loeto la gagwe lago ikamogela, Lebo o gotse sentle fela, batsadi ba gagwe bamo amogetse gore ke Lesbian, bothata ke kwa Kerekeng leko diphitlhong segolo jang ka ntlha ya moaparo. Lindiwe Modise o buisana le ene.
Botshelo jwa mokgweetsi wa serori ole motho wa mosadi Audrey Tshilwane 13.10.2020 27:32
Jaaka re keteka kgwedi ya dipalangwa, ke buisana le bakgweetsi ba dirori le mekgatlho ya bakgweetsi ba dirori. Re buisana le mosadi yo tiro ya gagwe eleng go kgweetsa serori. Audrey Tshilwane, ke ene moeng wa rona otla re tlotlela ka tiro ya gagwe, dikgwetlho le gore o itumelela eng ka tiro ya gagwe.
Botshelo jwa mokgweetsi wa serori ole motho wa mosadi le le Mary Phadi ke president ya Truckers Association of SA 06.10.2020 26:16
Kgwedi eno e beetswe thoko go nna ya dipalangwa tsa bosechaba(National Transport Month) Re buisana le ba Truckers Association of South Africa-TASA ka tiro ya bone,go akaretsa le maano a bone ago tokafatsa maemo a bakgweetsi ba dirori. Lindiwe Modise o buisana le Mary Phadi ke president ya Truckers Association of South Africa-TASA
Ditlamorago tsago tlhoka tshegetso kwa lapeng le batsadi ka bong jwa gago 29.09.2020 19:51
Tshidi wa dingwaga dile 48, Ke lesbian. Tshidi o tlhokile tshegetso gotswa kwa batsading fa a tlhalosa ka bong jwa gagwe, Rre wa gagwe one a dumela gore o tlhoka go rapelelwa. Bangwe ba ditsala tsa gagwe bane bamo betelela, mme kwa bofelong a inaya naga. Lindiwe Modise o buisana le ene ka kgang ya gagwe.
What the ‘new normal’ under lockdown level 1 means for South Africa 21.09.2020 13:18
Afrika Borwa o tsene mo Alert level 1 mo bosigong jwa maabane, mo bekeng e e fitileng President Ramaphosa o tlhalositse gore Afrika Borwa o tlile go tshela ka mokgwa wa the ‘new normal’ e kaya eng ‘new normal’. Jaaka naga re tswa kgakala ka seemo se, ebile re solofela fa maemo atla tokafala goya pele. Phirimane ya gompieno re seka-seka kgang eno ya ‘new normal’. Moeng wa rona ke Tshidi Madia, ke m...
Go botlhokwa gole kae go ipaakanya mo tlhaloganyong pele o tlhalosa bong jwa gago kwa batsading? 15.09.2020 24:18
Re buisana kago ipaakanya mo tlhaloganyong pele o itlhalosa kwa batsading ka bong jwa gago(Mental strength). Se se botlhokwa kego ruta bao nnang le bone ka bong jwa gago gore ba kgone go go amogela. Moeng wa rona ke Millicent Sebotsa gotswa kwa Klerksdorp, Joubertina
Gogo Maweni o tlhalosa ka mo Covid-19 e amileng tiro ya gagwe jaaka ngaka ya setso 14.09.2020 24:27
Re lebelela gore mogare ono wa corona amile jang tiro ya gago ole Sangoma kgotsa ngaka ya setso ka gore kwa tshimologong ya Lockdown dingaka tsa setso le tsone bane basa letlelelwa goka tsaya maeto kgotsa go ya kwa malapeng a batho, le mekgatlho e e farologaneng ya dingaka bane ba ikuela gore le bone ba nne le lentswe kgotsa karolo mogo batleng tharabololo kgotsa kalafi ya bolwetse joo. Lindiwe Mo...
Ngaka Obakeng Mooki o re thusa go tlhaloganya ditoro le bokao jwa tsone 01.09.2020 40:10
o kile wa iphitlhela o lora toro mme osa tlhaloganye gore e kaya eng kgotsa ego laela ka ga eng? Reetsa fare tlabo re buisana le Ngaka Obakeng Mooki
Madi a kotlo ya ngwana/bana goya ka Maintenance Act 99 of 1998 le Mme Tshepiso Letoaba 26.08.2020 43:12
Goya ka Maintenance Act 99 of 1998, e tlhalosa gore maikaelelo a Maintenance Act kego netefatsa gore batsadi botlhe ba tsaya karolo yago tlhokomela ngwana ka madi. Mme gase batsadi botlhe bao ba tlamelang bana ba bone ka madi, ke ka moo o fitlhele go iwa di kgotlatshekelo. Ka nako tse dingwe o fitlhele Rre a dira, a nale le letseno, mme go sena sepe se se bontshang gore o nale letseno. Mme ene o n...
Office of the Pension Fund Adjudicator 26.08.2020 8:45
Office of the Pension Fund Adjudicator
Lockdown level 2, ake yone nako ya rona ikonomi e kgone go hema? Go akaretsa le matshelo a rona? 24.08.2020 28:51
Beke ya ntlha e setse e fetile fa e sale Afrika Borwa a tsene mo legatong la bobedi la kiletso ya metsamao. Melao ele malwa e fokoditswe, batho ba kgona go tsaya maeto lego etela masika le ditsala. mme moletlhakoreng le lengwe, go bonala e kete ikonomi ya rona etla bona lesedi, go akaretsa le Makala a mangwe a a thusang ikonomi go gola. Lockdown level 2, ake yone nako ya rona ikonomi e kgone go he...
Go ikamogela lego amogela bong jwa gago. 18.08.2020 38:20
Re tlile go tsaya dikgang le Jonathan Maponya. Nna le wena re mo itsi ka leina la MJ gotswa mo setshwantshong sa The Way Nginga khona. Ke mosha motho yoo, re tlile go tlotla le ene ka bong jwa gagwe.
Lockdown level 2 e kaya eng mo matshelong a rona le Faith Mnyameni o eleng modiredi loago 18.08.2020 22:09
Motswana o kile are boitumelo jobo ntsi bo atlafisa motho, jaanong gompieno re tlile go buisana ka gore Lockdown Level 2 e kaya eng mo matshelong a rona. Mafelo ale mantsi a buletswe, go akaretsa le mafelo a boroba sogo. Se se monate ke gore reya kwa setlheng se se monate sa semelo, setlha sa boitumelo. Mme se se botlhoko ke gore mogare wa Corona ga ona kalafi ga jaana, e bile fare nna botlhaswa r...
Re tswelela go keteka mosadi wa letlapa ke moruti ebile ke morotloetsi Mme Mmanare Masinamela 17.08.2020 37:35
Fa maemo a botshelo asa letle, fa go bonala e kete lefatshe lego furaletse. Ke eng kgotsa ke mang yo ago neelang maatla le thotloetso yago ema. Mongwe le mongweo nale ka mokgwa yo a itshidisang ka gone. Dikgwetlho tsa botshelo di teng re kopana le tsone gangwe le gape, mme ka gale utlwa motho are “Gotla siama”. Mme gompieno re batla go itsi gore fa go nna thata, O bona kae maatla ago tswela pele k...
Go amogela gore bong jwa gago bo farologane le jwa bana ba bangwe le Kokeletso Legoete 11.08.2020 29:45
Lindiwe Modise o buisana le Kokeletso Legoete (Kay) ka leeto la gagwe la go ikamogela gore ke Lesbian, le go itsise ba lelapa le ditsala tsa gagwe. Bontsi jwa basha ba sokola go ikamogela lego itlhalosa kwa batsading ba bone.
Tirelo tsa manyalo tsedi amilweng ke leroborobo la Corona virus le le mokwadi wa dibuka tsa Setswana Mokgatlhe Mothoagae 11.08.2020 34:33
Fare simolola go itsi ka mogare wa Corona, ngwaga ene ese kgale o simolotse ene ele ka kgwedi ya Mopitlwe 2020, mme ebile gone go nale batho ba ba ipaakanyetsang go tsena mo nyalong e e boitshelo. Bangwe bane ba setse ba duetse magadi go tlhaela fela mokete wa diphala, bangwe ba duetse halofo ya magadi ka maikalelo a gore batla feleletsa ka letsatsi la lenyalo. Mme jaanong kiletso ya metsamao ya b...
Tsamaiso ya diphitlho mo nakong ya Covid-19. 10.08.2020 29:54
Bontsi jwa malapa atswa go boloka ba masika, ditsala kgotsa badirammogo. Mme ka ntlheng ya kiletso ya metsamao ya baagi, tsamaiso ya maso/diphitlho e fetogile fae sale ka kgwedi ya Moranang(April) Gago sa tlhole go apeiwa dijo tsedi ntsi kgotsa go tlhabiwa dikgomo. Re buisane le Shadi le Thabang bo bedi jwa bone ba direla di moshara tsedi farologaneng. Re buisane gape le Otshepeng yo a latlhegetsw...
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.