SABC News and Current Affairs

SABC North West

News EN ↓ 1988 episoder

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.

Husk at besøge podcastens hjemmeside og støtte skaberen: www.sabcnews.com

Forfatter

SABC News and Current Affairs

Kategori

News

Podcastens hjemmeside

www.sabcnews.com

Seneste episode

20. jan. 2024

Hvor kan du lytte?

Podcasts i appen Replaio Radio Kommer snart

Podcasts kommer snart til appen. Installer nu, og vær den første til at se en helt ny tilgang til podcasts

Hent den på Google Play Installer gratis Android næsten 10 mio. downloads · 4,8 i bedømmelse iOS snart

Episoder

Dikgang tsa Sethoboloko ka Lillian Mogotsi 24.05.2017

Babueledi ba molatofadiwa le ba puso ba dirile kopo kwa Kgotlatshekelo ya Magistrata wa Jhb, gore babegadikgang ba seka ba letlelelwa go gasa ditheetso tsa kopo ya baili ya ga Sandile Mantsoe.

Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Shadrack Moseki 12.05.2017

Boto ya Eskom e neseditse pula go boela ga Brian Molefe mo maemong a gagwe a mokhuduthamaga mogolo wa setlamo seo sa motlakase.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Shadrack Moseki 12.05.2017

Mokhuduthamaga mogolo wa pele wa Eskom Brian Molefe o boela kwa tirong ya gagwe kwa setlamong seo sa motlakase.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Shadrack Moseki 12.05.2017

Borradipolasi bangwe le bagweebi ba basweu kwa Coligny mono North West ba kgapetse thoko magatwe a gore kgaolo eo e e tletseng ka dipolasi e tletse bosemorafe.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Shadrack Moseki 12.05.2017

Democratic Alliance mono North West e ikaelela go tlhatlheela kgetsi ya bosinyi gompieno kgatlhanong le tonakgolo Supra Mahumapelo kwa seteishining sa sepodisi sa Coligny.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Shadrack Moseki 12.05.2017

Go rulagantswe metsele tsele ya dikopano le baagi ba Gauteng ba ba amilweng ke ditshuoetso tse di tletseng tiriso dikgopka tse di ka ga thebolelo ya ditirelo go ralala Johannesburg le Pretoria.

Dikgang tsa ura ya Bongwe ka Lillian Mogotsi 11.05.2017

Molaodi wa bosechaba wa motlakase Nersa o dumetse go batlisisa kgato ya Eskom ya go gana go saena ditumelano tsa theko ya motlakase tsa boleng ba diranta di le dibillione le batlhagisi ba ba ikemetseng ba motlakase.

Dikgang tsa ura ya Some le bongwe ka Lillian Mogotsi 11.05.2017

Mokgatlo wa badiri Solidarity o solofela fa kgotlatshekelo ya badiri kwa Jhb e tlile go atlhola mo letlhakoreng la ona, le go laela Motlhankela mogolo wa pele wa tsamaiso ya Sabc Hlaudi Motsoeneng go duelela ditshenyegelo tsa kgotlhang ya kwa kgotlatshekelo ya ba ba bidiwang Sabc8.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Shadrack Moseki 11.05.2017

Tona ya kago ya matlo Lindiwe Sisulu o tlile go tsereganya mo ditshupetsong tse di sa kgaotseng tsa go ngongoregela thebolelo ya matlo kwa Gauteng.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Shadrack Moseki 11.05.2017

ANC e tlile go simolola ka dikgato tsa mogoso kgatlhanong le se lekoko kwa Kwazulu-Natal le se bitsang gore ke go sa tlotle pharologanyo ya dithata ga dikgotlha tshekelo.

Dikgang tsa ura ya Boraro ka Lillian Mogotsi 10.05.2017

Tona ya lefapha la Tlhabololo Loago Bathabile Dlamini o bega gore go diragadiwa ga ditaelo tsa kgotlatshekelo tsa gore setheo sa Sasssa se tseye maikarabelo a dituelo tsa madi a loago, go tlile go ja diranta di le dibillione tse thataro.

Dikgang tsa ura ya Bobedi ka Lillian Mogotsi 10.05.2017

Mokatisi wa Springbok Allister Coetzee a re ga go kgathalasege gore setlhopa sa gagwe se tlile go akarediwa le ditlhopa di feng, gonne bafenyi ba sejana sa lefatshe ba tshwanetse go fenya ditlhopa tse di diphatsa tse di leng gona.

DIkgang tsa ura ya Bongwe ka Lillian Mogotsi 10.05.2017

Motsamaisi wa diprojeke wa Sassa Zodwa Mvulane, a re setheo seo se buisana le Kantoro ya Poso ka ga kgonagalo ya gore e rwale maikarabelo a aba madi a loago.

Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Shadrack Moseki 10.05.2017

Mmeyara wa Tshwane Solly Msimanga o mo tseleng go leba kwa Laudium kwa kwa Pretoria kwa go begwang fa motho a le mongwe a bolailwe ka ntlha ya ditshupetso.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Shadrack Moseki 10.05.2017

Batlhankela ba sepodisi ba rometswe ka bontsi kwa Coligny mono North West kwa dithulano tsa bosemorafe di tswelelang go gola.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Shadrack Moseki 10.05.2017

Bangwe ba baagi kwa motse setoropong o o aparetsweng ke mathata wa Tlhabologang kwa Coligny mono North West bare banna ba le babedi ba ba golagangwang le go bolawa ga ga Matlhomola Mosweu ba ka bo ba sa rebolelwa beili.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Shadrack Moseki 10.05.2017

Monnasetilo wa pele wa komishine ya African Union AU Nkosazana Dlamini Zuma o tsibositse kgatlhanong le go tlhamiwa ga maphata a a itanang ka noga e tshela a re a phutlhamisa lekoko la ANC.

Public Protector explaining what led to delay on Bapo-ba-Mogale investigation 10.05.2017

Public Protector explaining what led to delay on Bapo-ba-Mogale investigation

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Shadrack Moseki 10.05.2017

Tona ya lefapha la metsi le kgelelo leswe Nomvula Mokonyane o sireleditse tshweetso ya lefapha la gagwe ya go thapa batlhankedi ba setegeniki le enjiniring ba kwa Cuba mo lenaaneng la lefapha la metsi.

Dikgang tsa ura ya borobongwe ka Shadrack Moseki 09.05.2017

Mokgatlho wa badiramoepong AMCU ware go kopa maitshwarelo ga ga motlatsa mopresidente Cyril Ramaphosa mabapi le go bolawa ga badira moepong ba Marikana go tsamaelana le mekgwa ya bo kapitale.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Shadrack Moseki 09.05.2017

Mapodise mono North West a re ga ise a tshware ope, morago ga dithulano tse di neng di tletse dikhuduego maabane magareng ga mapodise a a rebang dikhuduego le baagi ba ba neng ba boloditse ditshupetso kwa toropong e e aparetsweng ke mathata ya Coligny.

Dikgang tsa ura ya bosupa ka Shadrack Moseki 09.05.2017

Palo ya mapodise a a rometsweng go ela maemo tlhoko kwa Coligny e oketsegile morago ga matshosetsi a go tlhaselwa ga seteishene sa lookwane maabane bosigo ke baagi ba motsesetoropo wa Tlhabologang.

Dikgang tsa ura ya borataro ka Shadrack Moseki 09.05.2017

Mokgatlho wa bosetshaba wa ditshwanelo tsa baagi SANCO ware o tlhatlheetse kgetsi ya gore go sekwa sekwe tshwetso e e tserweng ke mmagistrata wa kgotlha tshekelo ya selegae ya Coligny ya go rebolela Pieter Dorewaard le Philip Schutte beili.

Dikgang tsa ura ya botlhano ka Shadrack Moseki 09.05.2017

Tsela ya R503 e e golaganyang Lichternburg le Coligny le ya N14 e e golaganyang Coligny le Ventersdorp mono North West e ne ya gapelesega go tswalelwa pharakano.

Dikgang tsa ura ya borobedi ka Shadrack Moseki 08.05.2017

Mokhuduthamaga wa pholo kwa Gauteng Gwen Ramokgopa are dihteetso kgalemo tsa batlhankela ba le babedi ba lefapha ba ba amegang mo pegelong ya Health Ombudsman di emisitswe

Lyt til podcasten SABC North West i Replaio

Radio og podcasts i én app - gratis og uden tilmelding. Installer i dag, og gå ikke glip af lanceringen

Hent den på Google Play

Replaio er ikke podcastudgiver; programmernes navne, coverbilleder og lyd tilhører deres ophavsmænd og distribueres via offentlige RSS-feeds.