Motsweding FM
Motsogapele
Mokopi Molebatsi breaks the dawn with an excellent blend of new and old music while he interacts with the audience.
Where to listen?
Podcasts in the app Replaio Radio Coming soonPodcasts are coming to the app soon. Install now and be the first to see a whole new take on podcasts
Episodes
Botshelo ko Romania le Ofentse Melato 19.01.2018 26:46
Go tsamaya ke go bona Ofentse Melato o kwa nagang ya Romania, Craiova o dira jaaka Snr Production Purchasing Manager, Ford Romania S.A. ena o tsaletswe kwa Koster, a golela Mazista/Skierlik, pele ga a tla bona legae la leruri kwa Swaarturegens, ka dithuto o tsene kwa Mazista Primary School le High School Swartruggens Gekombineerde mme a tsweletsa kwa Rustenburg College le BTech degree in Auditing...
Go tokafadiwa ga batswarwa kwa dikgolegelong le Mme Granny Senye gotswa Rooigrond Medium A 18.01.2018 25:32
Re sekaseka ntlha ya gore kgolegelo e thusa jang bagolegwa go tokafatsa matshelo a bona le Granny Senye yo e leng modulasetilo ko kantorong e elang tlhoko diphetogo mo maitshwarong a batshwarwa kwa kgolegelong ya Rooigrond Medium A
Go boela ikatisong morago ga setlha sa meletlo 15.01.2018 7:51
Mokatise Tshepo Masipa o tlhaba botlhale ka maano a o ka dirisang fa o boela ikatisong morago ga matsatsi a boikhutso / paka setlha sa meletlo
Dipholo Tsa Bagolegwa Tsa Matric 2017 11.01.2018 24:20
Re laleditse Metsing Khoabane, Directorate Formal Education Curriculum Administration ya lefapheng la tsa kgopololo, o tlile go re bolelela ka dipholo tsa bagolegwa ba matric ka 2017
Maano a go thibela go thoba kwa dikgolegelong le Rre Kgosietsile Phokontsi go tswa ko Rooigrond 07.12.2017 27:46
Re buisana le Kgosietsile Phokontsi go tswa Rooigrond Management Area, Corrections (Security, Offender& Management Facilities) ka matsholo a lefapha a tlileng go a bolotsa kwa dikgolegelong go lwantshana le batshwarwa ba ba thobang kwa dikgolegelong
Botshelo kwa Brazil le Meshack Bangani Tau Mhlakaza o a ituthang ko University of the Brazilian Air Force 01.12.2017 26:43
Meshack Bangani Tau (Mhlakaza) wa kwa Mafikeng o kwa Rio de Janeiro, RJ, Brazil koo a ithutelang Strategic Management kwa University of the Brazilian Air Force, otsene dikolo tse di akaretsang Modiredi Primary School, Redibone Middle School le Letsatsing High Science High School
Botshelo kwa Ghana le Oletlile L-Skillz The General Mogotsi 24.11.2017 27:37
Oletlile L-Skillz The General Mogotsi o kwa Dunkwa, Ghana ka tiro, gae ke Mahikeng
Kgodiso ya ngwana wa mosimane gonna monna yo a siameng 22.11.2017 26:29
Re laleditse Mbuiselo Botha gotswa Commission for Gender Equality, re buisana ka matlhale a go ruta ngwana wa mosimane go nna monna yo siameng mo isagong
Batlhaping boo Phuduhudu ke bomang le Rre Ntoagae Mabogola 21.11.2017 32:10
Rre Ntoagae Mabogola gotswa motseng wa Itereleng, Taung yo a re tlotlelang ka lemorago la morafe wa Batlhaping boo Phuduhudu
Keitumetse Brenda Mogoase o kwa Düsseldorf, Germany ka tiro, gae otswa kwa motseng wa Motswedi, Zeerust 17.11.2017 30:56
Keitumetse Brenda Mogoase o kwa Düsseldorf, Germany ka tiro, gae otswa kwa motseng wa Motswedi, Zeerust
Botshelo kwa kgolegelong le Hudson Mbowini wa mokgatlho wa Mpumalanga Ex-convicts 16.11.2017 24:34
Hudson Mbowini wa mokgatlho wa Mpumalanga Ex-convicts in action (MECA) motshwarwa wa maloba, o ne a tshwaretswe polao, tla re utlwe gore botshelo ba kgolegelo bo mo fetotse jang
Tlholego ya Barolong Boo Ratshidi le Kgosi Jefferey Kgotleng Montshioa 14.11.2017 30:35
Re laleditse Kgosi Jefferey Kgotleng Montshioa, morafe wa Barolong Boo Ratshidi, kwa Stadteng(Mafikeng), tla re moje ka tsebe fa a re tlotlela ka tlholego ya bona
Ditlhatlhobo tsa baithuti ba matric kwa kgolegelong 09.11.2017 32:41
Re buisana le Freddy Khumalo, Mogokgo kwa Ramoshana Prison, Rustenburg Correctional Centre ka barutwana ba matric ba ba latofaditsweng ka bosinyi, mme ba kwala ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga ba le kwa dikgolegelong
Bakubung ba kgopa Kgomo kwa Mathopetsad le Kgosi Moleko Solomon Mathope 07.11.2017 26:29
Re buisana le Kgosi Moleko Solomon Mathope yo a aroganang le rona modi wa morafe wa bona wa Bakubung ba kgopa Kgomo kwa Mathopetsad
Dipoelo tsa go dira nako le bana ba basimane le Rre Mbuiselo Botha gotswa Commission for Gender Equality 07.11.2017 26:50
Re sekaseka dipoelo tsa gore borre ba nne ba dira nako ya go nna le bana ba basimane le Rre Mbuiselo Botha gotswa Commission for Gender Equality
Toulo e dirisetswang go iphimola mofufutso 06.11.2017 7:12
Re ithuta ka go dirisa toulo ya go ikgogola sethitho/ga o fufula kwa ikatisong le Tshepo Masipa Personal trainer and a Nutritionist
Botshelo kwa Gold Coast, Australia le Tendai Lawal 03.11.2017 31:01
Tendai Lawal o kwa Gold Coast, Australia... o dira jaaka Mooki, ena o tswa Galeshewe, Kimberly
Botshelo kwa kgolegelong le Rre Vincent Piekie Sereo o ntseng dingwaga dile 13 mo ntlolefitshwana 02.11.2017 27:23
Re buisana le Vincent Piekie Sereo gotswa kwa motseng wa Setlagole, o ntse dingwaga dile 13 kwa kgolegelong ka melato e akaretsang kgotoso, reetsa fa re tlobo le ena ka botshelo kwa kgolegelong
Morafe wa Batlharo ba ga Phadima, kwa Ga-Morona le Kgosi Sephiri Dioka 31.10.2017 29:28
Re buisana le Kgosi Sephiri Isaac Dioka, yo a aroganang le rona modi wa morafe wa bona wa Batlharo ba ga Phadima, kwa Ga-Morona, motse yo fitlhelwang kwa karolong ya Kuruman, Profenseng ya Kapa Bokone
Maitshwaro kwa ikatisong 30.10.2017 8:39
Tshepo Madubanya Fitness Instructor, o re ruta ka maitshwaro kwa ikatisong
Bolwetse ba Human Papillomavirus(HPV) le Dr Ramokone Maphoto-Sedooa 25.10.2017 22:28
A o itse ka ga mogare o bidiwang Human Papillomavirus (HPV) gore o tsena jang mo banneng/bo ntate, Itseele ka tsebe fa re buisana le moitsaanape wa tsa pholo, Dr Ramokone Maphoto/Sedooa gotswa Sefako Makgatho Health Sciences University
Kgosi Letlamoreng Motsei II Sefanyetso, ka motse wa Bataung boo Selale 24.10.2017 27:04
Tla re ithute ka motse Ga-Sefanyetso, Moubana le Kgosi Letlamoreng Motsei wa bobedi (2) Sefanyetso, ka motse wa Bataung boo Selale
Ditirelo tsa boitekanelo go batshwarwa mo dikgolegelo tsa Afrika Borwa 19.10.2017 21:27
Tlhogo ya ditirelo tsa itekanelo/pholo kwa ntlo kgolo ya lefapha la kgopololo, Maria Mabena o re tlhalosetsa ka tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo go batshwarwa
Botshelo kwa Nederland le Bokang Lemaoana o a ithutelang International Logistics-Engineering 13.10.2017 27:13
Bokang Lemaoana wa kwa Zastron, Free State o mo ngwageng wa bobedi wa Grata ya International Logistics-Engineering kwa NHTV Breda University of Applied Sciences, kwa The Netherlands
Kankere ya matsele mo go bo Rre le Dr Kotu Sepeng 11.10.2017 24:59
Jaaka re le mo kgweding ya temoso ka ga bolwetse ba kankere ya mabele, re laleditse moitsanape wa malwetse a bo rre le ngaka gotla go re tlhalosetsa ka kankere ya mabele mo banneng, ena ke Dr Kotu Sepeng gotswa Netcare Akasia Hospital & Kalafong Hospital
Similar podcasts
Replaio is not a podcast publisher; show names, artwork and audio belong to their authors and are distributed through public RSS feeds.